Mabele mo Afrika Borwa
Mabele (Sorghum bicolor) ke thoro e e senang gluten mme ke sejalo sa thoro sa botlhano se se jalwang thata mo lefatsheng fa morago ga korong, reisi, mmidi le barley. Mabele a itsagale gape jaaka mabele thoro, Amazinba and Amabele. Ke sejalo se se golang boleele se se bojang, ka matlhare a a sephaphathi (jaaka mmopo) mme se tlhagisa dithoro mo lofofeng lo eketeng tlhaga.
Go na le mefuta e e fetang 30, fela a ka tswa a tlholegile kwa Ethiopia le go anamela mo Afrika le kwa dikgaolong tsa lefatshe tsa dithemphoritšhara tse di sa tsenelelang. Mabele a a lengwang mo Afrika Borwa a jalwa kwa dikgaolong tse di omeletseng tsa diporofense tse di kwa bokone jwa Afrika Borwa, kwa a jalwang teng magareng ga bogare jwa Diphalane go fitlha ka bogare jwa Sedimonthole. Porofense ya Free State e tlhagisa 50% ya mabele a Afrika Borwa. Thôbô magareng ya tlhagiso ya peo ya thoro ke 2 ton/ha.
Ditiriso tsa Mabele
Mabele a dirisetswa go jewa ke batho (thorofitlholo, bopi, bojalwa) le go fepa diphologolo jaaka silage kgotsa ka go dirwa furu. Mabele a dirisetswa gape go dira sephutêdi se se bodiswang ke ditshidi, wallboard le tlhagiso ya ditlatlana le boratšhe.
Starch sa mabele thoro se kwa godimo ga sa mmopo ka 7 - 10%, go a dira matsetseleko mo tlhagisong ya ethanol. Ethanol e diriswa jaaka leokwane.
Go Ja Mabele
Dithoro tsa mabele di silwa go dira bopi mme di diriswe mo bogobeng (jaaka ‘Maltabella’), senkgwe se se sa dirwang ka tlhabego, dikuku, dikhekhe, couscous le dinô tsa momela. Go ja thoro e e feletseng go tlile go netefatsa kotlô e e gaisang; inela mo metsing bosigo jotlhe mme o apeye ka metsi jaaka reisi.
Mabele ke mongwe wa metswedi e e gaisang e e leng teng ya fiber ya phepô, a kwa godimo ka protein, ke motswedi o o siameng wa iron, phosphorus, magnesium, copper, calcium, zinc le potassium, fa moalô wa moroko wa mabele o na le di-antioxidant tse di fetang tsa blueberry, strawberry le plum.
Mabele Jaaka Sefepi sa Diphologolo
Jaaka sefepi sa diphologolo, mabele a diriswa jaaka motswedi wa maatla go dikgogo, dikolobe le diotli - dikgomo, dinku jalo le jalo. Dithoro di tshwanetse go ka phetolwa pele di ka neelwa diphologolo - go dira bonolo gore di thugwe, di ka silwa, tsa gailwa le go bediswa ka mosi wa metsi a a belang pele di ka diriswa.
Mabele a dira jaaka sefepi sa diphologolo sa selemo se se botlhokwa - go dira silage kgotsa furu fa a jalwa ka fa tlase ga nosetsô kwa dikgaolong tse di omeletseng. Dikalana tse di salang morago ga kotulô, di ka fulwa ka ge mefuta mengwe e sala e ntse ele metala mo pakeng e telele ya nako.
Dintshô tsa dry-matter tse di kwa godimo go gaisa tsa mabele di fitlhelelwa fa a butswitse kgotsa fa dikalana di le boleele jwa 120cm. Boleele jo bo jalo bo siametse moremô wa furu, silage le sefepi-tala mme bo siame fa bo fulwa mo boleeleng jwa 20 goya go 30cm.
Translated by
Nchema Rapoo