A Lengana le Ka Fodisa Kankere?

© Marinda Louw
Le itsagale jaaka African wormwood kgotsa sagewood - Artemisia afra - ke semela se se monkgo thata se se itsagaleng gape jaaka wildeals (Afrikaans), umhlonyane (Xhosa), umhlonyane (Zulu) le lengana ka Setswana. Go na le mefuta e e ka nnang 400 ya Artemisia lefatshe ka bophara, bontsi jwa yona bo diriswa mo kalafong, fela A. afra ke ona mofuta o le esi mo lolapeng lono o o tlholegang fa gae.
E dirisetswa mokoa wa yona wa dimelô tsa kalafi, artemisia e thusa mo kalafing ya malaria, go opiwa ke tlhogo, dibokwana le go oketsa keletsô-dijo. Go bedisa matlhare le go hema mosi wa ona go thusa go bula mafatlha, ka jalo go alafa mofikela, segotlhola, kgokgotso e e botlhoko, mogotlhwane le bolwetse jwa mafatlha.
Medi, dikalana le matlhare di a diriswa le go inelwa mo metsing go ka nowa, di dirwa enema, ditshasa, ditlhatswa-mmele le ditlôlô. Gape e a gogwa (go retibatsa phlegm le go retibatsa kgokgotso e e botlhoko), e a sunetswa kgotsa e nowa jaaka tee (e e babang thata). Fa e diriswa jaaka tee, e alafa colic, mala a a bofegileng mme e ntsha dibokwana.
Mongwe wa mekgwa-tiriso e e tlwaelegileng thata ke go lokela matlhare a a foreshe mo masobaneng a nko go bula thibanô le go emisa mokola. E diriswa gape mo masokising go samagana le maoto a a fufutseng, le go dirisetswa go tswakanya borenti. E diriswa gape jaaka segasi sa sebolaya-ditshenekegi sa tlhagô le sekoba-mmôtô.
Matlhare a a thuthafaditsweng a a diriswang jaaka setshasi a retibatsa kgotelo e e jaaka arthritis, fa metsi a go bediseditsweng matlhare mo go ona a kgona go alafa hemorrhoids fa a diriswa jaaka setlôdi. Dipatlisiso tse di netefatsang kgotsa go paka tiriso ya setso ya more ono di a tswelela, mme tiriso ya ona ya go alafa malwetse a sešweng jaaka bolwetse jwa sukiri, malwetse a pelo le ditshika, kankere le malwetse a mafatlha e a batlisiswa. Lenaane le lengwe le shebile tiriso ya Artemisia go thibela coccidiosis mo dikgogong tsa nama.
Go na le di-patent di le dine tsa tiriso tse di abetsweng A. afra - patent di le pedi ke tsa bolwetse jwa sukiri, e nngwe ke ya kankere, mme e nngwe ke ya bolwetse jwa sukiri le bolwetse jwa pelo le ditshika.
Mo Afrika Borwa matlhare le dikalana tse tala di kotulelwa tlhagiso ya oli e e botlhokwa. Dikotulo di le pedi di a dirwa – mo bogareng jwa selemo mme gape le thari ka selemo kgotsa go sale gale ka letlhabula. Oli e e rothiswang gotswa mo bogodimong jwa malomo e na le ntshô-oli e e kwa godimo le boleng jo bo gaisang. Kotulo e tshwanetse go dirwa go simolola kwa tshimologong ya thunyô go fitlha mo bogareng jwa nako ya thunyô fa boleng jwa oli bo le jo bo gaisang. Rothiso ka mosi e ntsha oli e e moologa go se nene, ya mmala wa lotlhaka.

Oli ya Artemisia e diriswa jaaka sentsha-mosi go bula diphatlhana tsa ka mo gare ga dinko kgotsa e ka tsenngwa mo metsing a a tlhapang go retibatsa ditlhabi tsa sesadi le tsa morago ga pelego. Oli e na le seêlo se se kwa godimo sa thujone mme e tshwanetse go ka diriswa ka kelotlhoko ka motsi wa kimô le ke batho ba ba tshwerweng ke mototwane.
Ke more o o sa tshwanelang go ka tsewa sebaka se se fetang malatsi a le 7 goya go 10, ka o ka baka go opiwa ke tlhogo le tataselo. (Thujone e teng mo mefuteng ka bontsi ya Artemisia mme A. absinthium e lere bontsi jwa thujone mo bojalweng jo bo bogale jwa Absinthe, jo bo begwang fa bo na le ditlamorago tse di senyang tlhaloganyo).

Ga jaana ga gona dijadi tse di kwadisitsweng ts A. afra mo Afrika Borwa. Mefuta mengwe e e jalwang mo Afrika Borwa ke Artemisia absinthium (lengana), Artemisia dracunculus (tarragon), Artemisia vulgaris, (e e itsagaleng gape jaaka mugwort, felon herb, St John’s plant, bulwand, sailor’s tobacco le gemere e tala) le Artemisia annua (Lengana la maChina kgotsa lengana le le tswina). Artemisia vulgaris e filwe boagedi kwa Kapa Botlhaba.
Artemisia e tlwaelegile mo Afrika Borwa mme e na le kanamo mo nageng ka bophara. Setlhatshana se se nang le kgogedi ke sejalo se se rategang sa tshingwana, mme se tiile ebile se bonolo go ka jalwa. E bonagala ka matlhare a yona a masetlha a a mafofa, le monkgo o o tswina o o kgomarelang fa e tshwarwa kgotsa e segwa.
E gola ka dikgwethe tse di kitlaneng tsa ditlhatshana kwa boleeleng jwa 0.5 goya go 2m. Jadisô e dirwa ka mesegô, kgaoganyo kgotsa dipeo tse di jalwang ka dikgakologo kgotsa selemo. Artemisia e ithatela mmu o o ntshitsweng metsi le letsatsi, mme e tsibogela sentle tshegô e kgolo. Ka ntlha ya dimelô tsa yona tse di ntle tsa go bolaya ditshenekegi, Artemisia ke semela se se mosola sa melô-mmogo go ka fokotsa kgatelelô ya disenyi mo dijalong. (Buisa go le gontsi ka ga jalô ya melô-mmogo).
Kwa nageng Artemisia e fitlhelwa mo bogodimong jo bo fitlhelelang go 2 500m go bapa le dinoka le mo matlhakoreng a sekgwa. Ga jaana (2012) e lengwa ka seêlo se se lekanyeditsweng kwa diporofenseng tsa KwaZulu-Natal Midlands, Mpumalanga (Nelspruit), Gauteng (Pretoria), Kapa Botlhaba le Limpopo.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo