Knob Thorn
Mokoba

© Roger de la Harpe

Leina

Mokoba

Leina La Se-Latin

Acacia nigrescens

Thanololo

O gola boleele jwa 5-18cm mme ga o fiswe ke molelo. Maina a ona a sekgowa le SeAfrikaans a kaya mokgwa wa mebitlwa ya ona, a a kgolokwane. Matlhare a ona a dirwa ke kalana ya matlhatshana. Ke setlhare se se tlhotlhoregang mme gantsi ga sena matlhare ka mariga le kwa tshimologong ya dikgakologo. Popego ya matlhare e ka mokgwa wa semela se. Gona fela le matlhatshana a le 4 – 6 mo letlhareng mme a magolo ka dithitô tse di lepeletseng. Kalana e e tshwarang matlhatshana e kobegile mme e tlhogisa dithupana tse nnye. Letlhare le le fetsang go tlhoga le bohibidu jo bo sedifetseng ka nako dingwe.

Dithunya le Leungo

Go thunya ga go a rulagana mme go direga mo magareng a Phatwe le Ngwanatsele. Dithunya tse di monkgo di tshwerwe ke dikalana tse di mebitlwa tse di boleele jo bo ka nnang 100mm. Dithunya fa di tlhoga di mmala o o borokwa jo bo hibitseng, di fetogela go o o bosweu jwa lobebe fa di setse di bulegile gotlhelele. Leungo ke sephotlwa se se ka nnang 100mm ka boleele le 13-25mm ka bophara (leina la ya ona la se-Latin 'nigrescens' le kaya gore ‘go ntshofala’ mme le katswa le bua ka diphotlwa, tse di nnang dintsho fa di butswa). A jewa ke dithutlwa le diphologolo tse dingwe. Tlou e ja dikala, matlhare le matlhogela. Tholo e fula matlhare le matlhogela fa thutlwa, kgabo le tshwene di ja dithunya.

Ditiriso

Setlhare se se diriswa ke nonyane tse di dirisang dikhuti tsa ditlhare jaaka dintlhaga. Logong lo thata ebile ga le jewe ke motlhwa. Lo dirisiwa go dira dipala le dipilara tsa kwa moepong. Mofuta o wa semela o kgona go falola komelelo fela o bolawa ke segagane. Ke setlhare se gape se siametseng kgodiso ya ditlhare ya mo pitseng kana bonsai. Ke kota e e thata e e sa robegeng ka pele. Ga se gantsi se dirisetswa fenitšhara. Se kgona go falola thulano e e maatla, ka jalo se siametse go dira boalo jwa Parquet jwa fo fatshe.

Di fitlhelwa kae

Mofuta ono o aname ka bophara, o fitlhelwa kwa dikgaolong tse di omeletseng tsa borwa jwa Afrika kwa bokone jo bo kgakala jaaka Tanzania. Gantsi mo mebung e e kwa boteng ya metlhaba mme di katogane thata ka tlwaelo. Ke pôno e e tlwaelegileng go baeti ba kwa Kruger National Park.

Dintlha Tlhagiso

Mebitlwa ya kgolokwe e e kima ya setlhare seno sa Acacia nigrescens e kaiwa fa e le tshireletso kgatlhanong le ditlou tse di senyang lekwati la sona, mme go totobetse gore kwa dikgaolong tse ditlou di sa tlholeng di le kwa go tsona, mebitlwa e lebega e hunyetse.