Ke Eng Tlhagiso ya Ditlhapi-kgabisi?
© BROMLEYS Aquatic Specialists
Ditlhapi-kgabisi – tse di jaaka koi, goldfish le ditlhapi tsa sebolokatshedimetsing – ke ditlhapi tse di ntle tse di tsholelwang mabaka a dipontsho mo tankeng ya galase kgotsa makadiba a ditlhapi.
Tlhagiso ya ditlhapi-kgabisi mo Afrika Borwa e potlana mme e lekanyeditswe go batsadisi ba le mmalwa, ba ba tlhagisang koi, Lake Malawi cichlids, discus fish, killifish le goldfish e e rileng. Seno se dirwa ka bogolo kwa diporofenseng tsa Kapa Botlhaba, Mpumalanga le KwaZulu-Natala. Tlhagiso e kgethegile mme e gaisana le dithekontle tsa boleng jo bo kwa godimo gotswa Botlhaba Kgakala ka bontsi – bogolo jo bo ka etsang 95% jwa ditlhapi-kgabisi tsa Afrika Borwa di tswa kwa dinageng-ntle.
Ga go na lefelo la ditlhapi-kgabisi tsa tlhwatlhwa-tlase tsa boleng jo bo kwa tlase mo mmarakeng wa Afrika Borwa. Dithekontle di santse di se tlhwatlhwa-godimo jalo fa go bapiswa le tlhwatlhwa ya selegae ya tlhagiso le phatlhalatso.
Ditlhokegô tsa Tlhagiso ya Ditlhapi-kgabisi
Fa Afrika Borwa e ka sweetsa go tsenya tlhagiso e e leng ya yona mo boemong jwa dithekontle tsa ditlhapi-kgabisi, e tshwanetse go obamela ditlhokegô di le nne tseno, tse eleng tse di netefatsang katlego ya tlhagiso ya ditlhapi-kgabisi ya kwa Botlhaba Kgakala:
E matsetseleko a a kwa godimo.
Boleng jwa tlhapi bo kwa godimo thata
Thekiso ke ya bogareng.
Temôwatle ya ditlhapi-kgabisi e dirwa ka fa tlase ga maêmô a a bothitho a a leng matshwanedi go botshedi mme ka jalo tsadiso-mogoso le kgodisô ya tlhapi ya tropic.
Tlhagiso ya tlhapi e e boleng e ka se dirwe mo tankeng ya galase kgotsa mo ditankeng tsa polasetiki kgotsa tsa konkereite. Boleng jo bo lekaneng jo bo kwa godimo bo ka se fitlhelelwe mo dithulaganyong tse di jalo. Tlhagiso ya Botlhaba Kgakala e dirwa ka bogolo mo makadibeng a mo mmung, gantsi ka metsi a matala le difepi tse di ntsintsi. Tlhagiso ya mo metsing a matala ke fa monontsha o tsenngwa mo metsing go rotloetsa kgolô ya dijo tsa tlhagô tsa tlhapi tse di jaaka daphnia, cyclops le bolele.
Mo Afrika Borwa, tlhagiso ya ditlhapi-kgabisi e tla tlhoka tiriso ya mesele mo dikgaolong tse di bothitho kwa metsi a ka tsholwang mo themphoritšhareng tse di fetang 25℃. Tlhagiso ya goldfish, livebearers le ditshidi tsa tanka ya morafe tse di jaaka tetras, labeo ‘dishaka’ le catfish ga di fitlhelele boleng jo bo kgotsofatsang ka fa tlase ga dithulaganyo dingwe le dingwe tse di farologaneng.
Tsepamiso-tlhaloganyo e e tseneletseng mo dintlheng le go tsweletso ya boleng di botlhokwa mo katlegong ya bolemirui jwa ditlhapi-kgabisi. Sekai sa botlhokwa jwa seno se supiwa ke polase e kgolo ya ditlhapi-kgabisi kwa KwaZulu-Natal e ka dingwaga tsa bo-1990 e tlhagisitseng motseletsele o o anameng wa ditlhapi go mmaraka wa Afrika Borwa. Polase eno e ne e na le dithulaganyo tsa mosele tse di fetang 150, ebile gape e ntshetsa-ntle guppies ya boleng jo bo kwa godimo goya kwa USA. Mokgatlho o atlegile jaaka kgwebo ya bogareng ka tlhokomelo e e maatla, e e manontlhotlho ele maitemogelo. Morago fela ga gore e rebolelwe badiri ka bongwe ka bongwe, mongwe le mongwe a rwele maikarabelo a dithulaganyo tsa mosele o le esi kgotsa go feta, e ne ya phutlhama mo sebakeng se se ka fa tlase ga ngwaga, ka ge tsepamiso-tlhaloganyo mo dintlheng, boleng le bokgapetsa jwa phepô tota, di ne tsa fela.
Dikgwetlho mo Bolemiruing jwa Ditlhapi-kgabisi mo Afrika Borwa
Tlhagiso ya ditlhapi-kgabisi mo Afrika Borwa e lekanyeditswe, ka ge ditlhapi di tlhoka maêmô a a bothitho go tsadisa, fela karolo e e nang le bontsi jwa batho, Gauteng, le mmaraka o mogolo, di kwa Highveld e e rurufetseng. Mo godimo ga seo, tlamelo e e sa kgoreletseng ya motlakase e botlhokwa thata mme e tshwanetse go ka tsewa tsia.
Go tlile go sala go ntse go na le mmaraka o o totileng ditshedi tse di kgethegileng mo ditlhwatlhwa tse di amogetsweng le ditlhwatlhwa tsa tsamaiso di pata ditlhwatlhwa tsa tlhagiso tsa go tlhagiso ditshidi tseno fa gae ke balemirui ba temowatle ba baitseanape ba le mmalwa. Dikai ke Lake Malawi cichlids, discus fish le mefuta e mengwe e e thata go tsadiswa en masse.
Katiso ya balemirui ba ba ša ba tlhapi mo Afrika Borwa e lekanyeditswe go baitseanape ba poraefete ba bolemirui jwa tlhapi. Go na le boitseanape jo bo lekanyeditsweng mo mafapheng a mmuso le mo lephateng la bolemirui jwa tlhapi ya dijo, a a ka nnang maleba go katisa balemirui ba ba ša ba ditlhapi-kgabisi.
Translated by Nchema Rapoo