Ke Eng Sepinatšhe sa Lerotobolo
Sepinatšhe sa Lerotobolo (Tetragonia decumbens kgotsa ‘kinkelbos’ ka Afrikaans) ke setlhatsana sa segagabi se se golang bokhutshwane (boleele jwa 0.1 - 0.3 m), se se fitlhelwang kwa dikgaolong tsa lobopo tse di jaaka marotobolo a a gaufi le lewatle. Sejalo se fitlhelwa gotswa kwa borwa jwa Namibia go ikala le lobopo go fitlha kwa Kapa Botlhaba.
Dikalana tse di saletseng morago di ka nna boleele jo bo fetang 1 m, ka medi mo magareng. Matlhare a sona a botala jo bo fifetseng a a hupang metsi, a apesitswe ka disele tse di nnyennyana tsa poloko-metsi tse di phatsimang mo letsatsing. Dithunya tse di serolwana tsa phethale-nne di thunya go simolola ka Phatwe go fitlha Ngwanatsele, mme di tlhagisa leungo la ntlha-nne ka selemo - leina ‘tetragonia’ le kaya maungo a tlhakore-nne.
Sepinatšhe sa Lerotobolo se thusa go tsepamisa mmu mo marotobolong mme se bopa botswa-tsheding, jo kwa morago, bo neelanang ka tikologo e dijalo tse dingwe di melelang mo go yona. Mo godimo ga fao, matlhare le dithito tsa yona di a jega, mme se siametse go kgetlwa ka mariga. Netefatsa fa o kgetla fela matlhare mme o seke wa kumula sejalo sotlhe. Se tlhatswe sentle go se ntsha mmu, mme o seje sele se tala mo disalateng. Fa se bedisitswe, se latlha boletswai bongwe jwa sona. Se tshôle ka botoro le pasta (baapei bangwe ba tsenya sorrel), mo salateng ya tapole le mo dikgadikông.
Go Jala Sepinatšhe sa Lerotobolo
Sepinatšhe sa Lerotobolo ke sejalo se se golelang ka bonako sa tlhokomelô e nnye, se se ka jalwang ka go jalelela dikarolwana tsa thito tse di nang le medi. Sejalo se se boitshoko mme se tlile go diragatsa bontle mo mebung e e motlhaba - se siametse go tsepamisa dikarolo tsa marotobolo.
Se tlhoka metsi ale mannye, fela go botoka go tshola medi ele metsi morago ga jalelelô. Sejalo se thunya ka dikgakologo go fitlha go sale gale ka selemo mme se enya ka selemo.
Sepinatšhe sa Lerotobolo ka kakaretso ga se na malwetse le disenyi.
Translated by
Nchema Rapoo