Histori ya Tlhagô ya Richtersveld

Matshelo a Bogologolo

©Shem Compion
Richtersveld ga se lefelo le o yang kwa go lona fa o batla go bona diphologolo tsa naga. Ga se naga ya diphologolo tsa Big 5. Mme fela, le fa maêmô a bosa ele a a omeletseng, gona le mokoa o o namatsang wa diphologotswana, digagabi, ditshenekegi le dinonyane tse di ka ratwang ke batho ba ba nang le kgatlhego mo dilong tsa mofuta o.
Fela pele re leba diphologolo tsa sešweng tse o ka di bonang, a re lebe ditshidi tse di kileng tsa tshela fano.
Dikgatiso tsa masalêla a ditshidi tsa bogologolo di supa fa, ka dinako tse di metsi, kgaolo e ne e na le dipitse tsa pele ga histori, ditlou, shrew tse kgolo, dikhudu tse di boitshegang, dikwena tsa melomo e mekhutshwane, ‘dintša tsa lotso lwa bera’ tse tsomang, bo-ntšhwe ba ba golo le mefuta mengwe ya diphologolo e e kgatlhisang.
Metlhala eno ya matshelo a bogologolo e tlaleletswa ke dikgatô tsa masalêla a ditshidi tsa bogologolo, mefato le mabadi a ditlhare (a a bitswang dendrites) tse di supang lefatshe le le nonneng le apesitswe ke dikgwa.
Lewatle le lona ne le le bothitho ka malatsi ao, mme masalêla a meno a shark le logapa lwa kgetla le le sa tlwaelegang di ntse di tlhaloswa ke bafatifati ba ba farologaneng (ba bogologolo jwa ga Willian Paterson ka 1779).

Ditshwantsho tsa Mongapo wa Majwe

©David Fleminger
Mo dinakong tsa sešweng, Basarwa ba ngapangapile ditshwantsho tsa mo majweng mo majweng a a mo kgaolong (leba fa tlase). ‘Ditshwantsho’ tseno tsa mongapo wa majwe di supa fa tau, thutlwa, tshukudu, dikubu tota le tlou, di kile tsa sasanka mo kgaolong. Gompieno, fela, diphologolo tse kgolo di sewelo mme ke diphologotswana tse di atang.
Metlhape eno ya diphologolo ga jaana, ka maswabi, ke dilo tsa maloba; di nyeleditswe selegae ka go tsonngwa, malwetse a diphologolo (jaaka seru sa Rinderpest sa 1896) le kgoreletsego ya tikologo e e bakilweng ke batho.
Le gale, o santse o ka bona kukama, mokabaowane, phuthi, lehele le phudufudu mo kgaolong, le fa diphologolo tseno di le ka bontsi kwa dikgaolong tse di kampetsweng tsa moepo ka mo letlhakoreng la molelwane la Namibia, kwa go senang batho ka bontsi. Pitsi ya naga ya Hartmanns’ Mountain e e sewelo le yona e teng.

Translated by Nchema Rapoo