Diphologolo tsa Naga tsa Richtersveld

Diamusi tsa Richtersveld

©Jacques Marais
Fa go tliwa mo diamusing tsa dijadingwe, Richtersveld e na le diphiri tse di borokwa, bommabudu, thwane le nkwe (le fa tseno di le sewelo). O fitlhela gape phokojwe ya mokokotlo o montsho, lesie, tlhose, phage le nakedi (e gape e bitswang zorilla). Diamusi tse dingwe di akaretsa kôtôkwê (suricate), tshipa le mefuta ele mmalwa ya tshagane. Diphologolo tsa sika loo-motho di emetswe ke ditswene tsa chacma le dikgabo (tse di fitlhelwang gantsi go ikala le dintshi tsa Noka ya Orange).
Bats, shrews, rats, mice, rabbits and gerbils are reasonably common in the Richtersveld. These include the striped field mouse, karoo bush rat, Brant’s whistling rat (!), round-eared elephant shrew, striped mouse, long-tailed pygmy mouse, Namaqua rock mouse, tree rats, Cape hare, Smith’s red rock rabbit, ground squirrels, Namaqua dune molerat, common molerat, rock dassie (hyrax), dassie rat (which is not related to the dassie) and porcupines. Gerbils include the Namaqua short-tailed gerbil and the hairy-footed gerbil. There are also a high number of bat species.
Bommamanthwane, shrews, dipêba, magotlo, mebutla le gerbil di teng mo go namatsang kwa Richtersveld. Tsona di akaretsa

Digagabi

©Jacques Marais
Fa go tliwa mo digagabing (makwapa) le ditshelagobedi (bolêlê), herpetologists di tla itumelela mefutafuta ya ditshedi tse di lêlêmelang le go gagaba mo Richtersveld. Tsona di akaretsa khudu e nnye go gaisa mo lefatsheng, eleng Namaqua kgotsa Padloper e e sebala (tse di godileng di boleele jo bo ka nnang 100 mm). O bona gape khudu e e dikuku le khudu ya tente ya Namaqua. Mekgaditswane e akaretsa Nile Monitor e kgolo (kgotsa waterlikkewaan), mokgaditswane wa Karoo, mokgaditswane wa Armadillo, mokgaditswane wa sekaka wa Smith le mokgaditswane o o phaphathi wa sewelo wa Kapa.
Fa go tliwa mo maobung le borankgatakane, o bona leobu le le sa tlwaelegang la Namaqua (le le sasankang mo mabaleng a a legwarapa, go na le gore a tshelele mo ditlhareng), rankgatakane o o menotolotha wa Namib, rankgatakane o o boitshegang wa mo mmung, rankgatakane wa sekaka wa Smith, rankgatakane wa lerotobolo wa Austin, rankgatakane wa menototlhare o o sa tswang go bonwa, mmogo le difeleko di le mmalwa. Ka bogolo jwa yona, kgaolo eno ke nngwe ya madulo a a humileng ka rankgatakane ka go gaisa mo lefatsheng.
Dinoga di sewelo, fela tse di leng teng di tota di le maatla. Tsona di akaretsa mokwepa o montsho le mefutafuta ya mabolobolo (puff adder, horned, desert mountain adder and Namaqua dwarf adder).

Digwagwa le Dinonyane

©Nigel J Dennis
Ga gona ditshelagobedi di le kalo kwa Richtersveld, ka ge diphologolo tseno gantsi di tlhoka metsi go tsadisa. Le gale, go na le mefuta ele 8 ya segwagwa, bontsi jwa yona go itswe fa e ipoloka ka fa tlase ga motlhaba mme e tswe fela morago ga dipula tse di siameng. Eno e akaretsa segwagwa sa Karoo, segwagwa sa pula se se nyelelang sa Namaqua le segwagwa se se bonweng sešweng sa Paradise. Go tlhagelela ga digwagwa ka tshoganyetso morago ga dipula tse kgolo go atisitse kinane ya selegae ya gore digwagwa di tota di romelwa mo kgaolong ke maru a a tswang kwa lewatleng.
Mo godimo ga fao, mefuta e e farologaneng ya dinonyane (197) le yona e supilwe ka mo kgaolong tshomarelo-tlhagô ya |Ai-|Ais/Richtersveld Trans-frontier. Yona e fitlhelwa thata mo dintshing tsa noka ya Orange, go ikala le boalô jo bo omeletseng jwa noka le kwa dithabeng tse di tlhomaganeng.
E akaretsa phakwe ya Lanner, ntsu e ntsho, Pale Chanting Goshawk ya Borwa, makgotlwê, ntsu, kgoadirê, morubitshi-nong wa Kapa, Segôdi, rock kestrel, khoale, Pjempjete, Namaqua sandgrouse, kwabebe ya Kapa, Ntetekeng, Tlo-nke-tsoho, pupupu, Rramorutiakolê wa Kapa, Rramorutiakolê wa matlhohibidu, tractrac chat, mountain chat, sebotha, Senwabolôpe, Morôkapula, Kgogonoka (e e utlwagalang jaaka monnamogolo o o leswe), Leubauba, Seinôdi, dipêolwane tse di farologaneng le dintšhe di le mmalwa (tse ga jaana eleng karolo ya lenaane le legolo la tsadisô ya temothuo).

Translated by Nchema Rapoo