Thekô ya Tlhapi ya Ngwana

© Henk Stander

Thekô ya tlhapi e nnye ya boleng jo bo siameng (fingerlings) ke karolo e e botlhokwa ya bolemirui jwa tlhapi ya metsi a a foreshe jo bo atlegileng. Reka gotswa mo mafelong-thuthusetso a a laolwang ka tshwanelo, botsa balemirui ba bangwe, mme o netefatse fa o reka ditlhapi tse di itekanetseng. Dintlha tse di latelang ke ditaêlô:

Sweetsa tlhwatlhwa ya thekiso pele ga nako mme o e bapise le ya batlamedi ba bangwe ba ditlhapi.

Tlhatlhoba tebegô-kakaretso ya ditlhapi, palo ya tsona, bogolo jwa kakaretso le dingwaga.

Netefatsa fa kalô ya bokete le dipalelelo tsotlhe di dirilwe ka tshiamo ka ge o tlile go duela motlamedi kilogram nngwe le nngwe e e laisitsweng. Bokete jotlhe le palo ya ditlhapi di botlhokwa go ponelopele ya kgolô ya isago le go dipalelelo tsa feed conversion rate (FCR). FCR ke bontlha jwa sefepi jo bo dirisitsweng go tlhagisa bontlha jwa nama ya tlhapi.

Lekola sampole ya 100 goya go 200 ya ditlhapi sebaka se se ka nnang beke ele esi. Fa go sena tsibogô e e sa siamang e e lemogwang, ditlhapi tsotlhe di ka rwalelelwa. Tsamaiso eno e tlile go thusa go sekaseka boleng jwa metsi a letamo la gago le go fokotsa matshosetsi a go latlhegelwa ke ditlhapi fa letamo le rwaleletse ditlhapi ka botlalo.

Fitlhelela tumalano le motlamedi ka mokgwa le mabaka a tuelo.

Tsamaiso ya Ditlhapi goya kwa Mafelong a Di Tlileng go Golela Teng

Lokisa didiriswa tse di tlhokagalang mme gape o lokisetse ditlhapi go rwalwa. Tekolo e e tsweletseng ka motsi wa tsamaiso e botlhokwa thata go netefatsa tlhokomelesego ya ditlhapi le gore di tla goroga mo seêmông se se siameng. Tsaya tsia tse di latelang:

Lekwalotetla gotswa go kantorong ya semmuso ya tshomarelotlhagô mo porofenseng ya gago le a tlhokega go tsamaisa ditlhapi. Le tshwanetse go ka bonwa sebaka sa bonnye malatsi ale 14 pele ga tsamaiso e e rulagantsweng, go gakolola Henk Stander, molaodi-mogolo wa Aquaculture: Department of Animal Sciences at Stellenbosch University. 

Tlhola ponelopele ya bosa malatsi ale mmalwa pele ga tsamaiso. Mo boseng jo bo bothitho, tlhokomelo ya tlaleletso e a tlhokega mo tsamaisong ya ditlhapi. 

Begela lefelo-thuthusetso sebaka sa bonnye malatsi ale mararo pele ga nako go bona fingerlings tse di mo seêmông se se siameng go tlatsa lekadiba la gago.
Fingerlings di tshwanetse go tlwaetswa maêmô pele ga tsamaiso. Seno se raya gore ga di fepiwe sebaka sa bonnye diura di le 24 - 48. Seno se dira gore felo-thuthusetso le kgone go tlhopha ditlhapi mo maêmông a a gaisang.

Didiriswa tsa tsamaiso di ka hirwa gotswa go balemirui ba kgwebo. Tshola tanka ya oxygen ya tlaleletso ya mabaka a tshoganyetso mme o netefatse fa didiriswa di dira sentle. Ditanka tsa oxygen di ka hirwa gotswa go balemirui ba kgwebo kgotsa gotswa go batlamedi ba gase ba ba jaaka Afrox.

Laisa ditanka tsa tsamaiso goya ka bokete jo bo tshitshintsweng: 1.0 - 1.2 ya tlhapi go 10 litres ya metsi.

Sweetsa dielô tsa oxygen le seêmô sa ditlhapi mo ditankeng morago ga gore e laiswe le pele ga tsamaiso ya ditlhapi e simolola. Netefatsa fa mathompo a oxygen a sa kgoreletswe ke ditanka tse di bokete; 1000 litres ya metsi e kala 1 ton!

Lekola ditanka metsotso mengwe le mengwe ele 20 - 30 ka motsi wa tsamaiso. Ditlhapi di tshwanetse go nna matlhagatlhaga mme di sasanke ka bonolo. Netefatsa fa dielô tsa oxygen le themphoritšhara tsa metsi di le mo selekanyetsong. Fa ditlhapi di lebega di lapile kgotsa di kgologela kwa boalông jwa medi go bona mowa, go raya gore dielô tsa oxygen di katswa di le kwa tlase mme oxygen ya tlaleletso e tshwanetse go ka tsenngwa mo metsing.

Mokgweetsi wa serori o tshwanetse go netefatsa fa kgatelelô-mowa ya maotwana ele e e siameng mme o tshwanetse go kgweetsa ka kelotlhoko ka dinako tsotlhe.

Fa o goroga kwa letamong, leka go tshola tekatekanyo magareng ga metsi a tanka ya tsamaiso le metsi a letamo, mo lobakeng lwa themphoritšhara le tlhamô ya dikhemikhale, ka go tswakanya 50% ya metsi a tanka le metsi a letamo. O seke wa tshololela ditlhapi ka tlhamalalô mo makadibeng. Tlwaetsa ditlhapi pele ka diura di le mmalwa tsa ntlha mme ka bosesane o di gololele mo letamong; nako e e gaisang ke mo bogareng jwa meso kgotsa ka thapama.

Morago ga gore ditlhapi di tsenngwe mo letamong, leta bonnye diura di le 12 pele ga phepô ya ntlha mme o beye ditlhapi leitlho mo diureng tse di latelang di le 24 - 48.

Translated by Nchema Rapoo