Go Jala Cowpeas

© Carl Davies CSIRO
Cowpeas di tlholegile mo Afrika mme di ka jalwa mo mefuteng e e farologaneng ya mmu, sejalo se ka tlhagiswa gape mo mmung o o bokoa, fela go tsenya motshotelo le mosutele dibeke di le 3 goya go 4 pele ga jalo go ka ungwela kgolô. Go tsenya phosphorus (P) mo mmung go ka tokafatsa tlhogô ya peo.
Tshelô ya phosphate fertiliser (F) gantsi e dipoelô. Cowpea e ka tlhoga mo seelong sa pH sa 5,6 goya go 6,5 mme e rata mebu e e motlhaba, fela e sokola mo mebung e e bokete e e metsi. Go busetsa nitrogen mo mmung (seno se bitswa gape paakanyo ya nitrogen) ke semelo sa menawa, mme go thata mo mebung e e tamileng metsi.
Cowpeas ke sejalo sa selemo se se golang ka go gaisa fa themphoritšhara e e kwa tlase go fetisa e se kwa tlase ga 10°C. Themphoritšhara ya kgolô e e eletsegang ke 30°C. E kgonana le komelelô go feta groundnuts, soybeans le sonoblomo.
Kwa dikgaolong tse di rurufetseng, cowpeas di tshwanetse go ka jalwa mo bogareng jwa Ngwanatsele, mme kwa dikgaolong tse di bothitho sejalo se ka jalwa mo bogareng jwa Sedimonthole. O seke wa jala cowpeas kwa tshimologong ya setlha sa dipula (tshimologo ya Diphalane) kgotsa thari ka Ferikgong, ka gonne go ka isa kwa thôbông e e kwa tlase le tshenyego ke segagane. Gape ditshenekegi dingwe di matlhagatlhaga thata thari mo pakeng ya kgolô.
Letlha la jalô ya cowpeas le sweetsa tiriso ya sejalo. Sekai, fa se tlile go dirisetswa phulô, se ka jalwa ka Diphalane. Jala dipeo kwa boteng jo bo ka nnang 4cm (bophara jwa lebokoswana la mokgwaro) ka katoganô ya 10cm (go feta fela bophara jwa seatla). O seke wa gatelela mmu morago ga jalô, fela o tsepamise go netefatsa kgolagano e e siameng ya mmu le peo.
Disenyi tse di jaaka aphids le bollworm e ka nna bothata, fela go botlhokwa gore o se jale cowpeas mo mmung o le nosi ka tatelano ka fa di tshabelelwa ke di-nematode. Bolwetse jo bo botlhokwa jwa cowpeas le pôlô ya kalana. Mo tlhagisong ya thoro tlhopha sejadi se se jaaka Rhino kgotsa Glenda. Go tlhagisa furu dirisa Chappy kgotsa Bechuana White.

Kotulo ya Cowpeas

Cowpeas di kotulelwa thoro fa 90% ya diphotlwa e omile. Sejalo sotlhe se a kumolwa - seno se ka dirwa fela fa diphotlwa di simolola go latlha mmala.
Fa cowpeas di diriswa jaaka morogo, matlhare a matala le diphotlwa tse nnye di ka kgetlwa ka seatla. Cowpea e ka bolokwa ka dingata kgotsa haystacks.
Metšhine ya bodirelo-kgwebo e ka diriswa go photha cowpeas, fela diphotlwa di ka tsenngwa gape mo kgetseng le go gatakwa kgotsa go betsakwa ka thobane go kgaoganya dithôtsê gotswa go diphotlwa.

Thekiso ya Cowpeas

Cowpeas di ka rekisetswa ditlamo tsa thoro, bagwebisani ba dipeo, balemirui ba bangwe kgotsa badirisi ba difepi tsa diphologolo ba ba tlileng go di dirisetsa go fepa diphologolo.

Translated by Nchema Rapoo