Gewurtztraminer

© Altydgedacht Vineyards

Tlhaloso

Gewürztraminer ke mofetogedi wa go tswa go terebe ya veine ya Roter Traminer ye e jetsweng kwa Jeremane dingwagakgolo. ‘Gewürtztraminer’ ya mofetogedi e ne ya tlhophiwa ka ntlha ya bosethunya jwa yona le go nna le monko wa seloki sa setlhopha sa dithunya ke e nngwe ya diterebe tse di botlhokwa go gaisa sa tse di farologaneng mo Alsace, Fora. ‘Gewürtz’ e raya seloki mme se kaya menko ya diveine.

Tlhago

Jeremane

Maina a Mangwe

Gewürztraminer e itsege gape ka Roter Traminer le Traminer (Jeremane), Gentil Rose Aromatique (Fora) le Clevner.

Tsweletso mo Aforika Borwa

E raopetswe mo Aforika borwa ka 1964, fela e le 106ha ya Gewürtztraminer e jetsweng ka magae a terebe a mantsi a fitlhelwang kwa kgolong ya Stellenbosch (42ha) le Robertson (36ha). Boloko ya bogolo go gaisa e santse e le ka fatshe ga tsweletso ya jalwa ka 1981 kwa Zevenwacht. Ke ya mofuta o gantsi o sa jalweng; Fela 1ha ya eno e farologaneng e ne ya tlhongwa ka 2016.

Kgolo

E bokete thata go gola, Gewürtztraminer ke mefutapeo ya go una ka bonnye (10– 12t/ha) ka kgolo ya go emelela le makopo a yona a a kitlaneng ka jalo go poma matlhare gore a nne ma tshesane go a tlhokega go netefatsa gore letsatsi le a tsenelela.

Go Butswa

Gewürztraminer ke terebe ya go butswa ka bonako, e kotulwa ka beke ya ntlha ya Tlhakole.

Matlhare

Matlhare a Gewürztraminer a ma nnye go ya go potokwe, yotlhe e batlile (go sa nne loreto go tsenelela) le go bo e tlobogile thata.

Borekhu

Mefutapeo e na le ditlhopha tse di nnye tsa borekhu bo bo nnye ka matlalo a makima a a thata. Borekhu ke jo bo khibidu jo bo gagolgileng fa bo budule.

Disenyi le Malwetse

Kgonagalo ya go go sengwa ke monyo o o boleta wa kwa tlase le nngadule le go le jalo tshenyo ya dinonyane le ka ntlha ya tshenyo ya serame ka ntlha ya go thunya ga yona ga ka gale ga makukunya le go butswa.

Tiriso

Gewürztraminer e tsweletsa diveine tse di tshweu tsa monko o o bofefo gantsi mo go ya setso e e mofuta wa seka-sukiri le bosukiri, fela go ya godimo jaaka veine e e omileng.

Tatso/Moutlwalo

Gewürtztraminer e na le phetale ya rosara e e farologaneng, gape go le gantsi monko wa litšhi aroma. E na le bogalaka bo bo leng kwa tlase, veine e itshupa e na le e marara a meutlwalo, ka meutlwalo e e ka tlhalosiwang jaaka kuku ya tswine ya dinotshi, itumediso ya kwa Turkey kgotsa gemere.
Fa di tsweleditswe kwa dikgaolong tse di tsididitsana tsa mabopong, diveine di ka bontsha Muscat e e humileng le boseloki mme fa diveine go tswa mo diterebeng tse di boduleng thata di ka nnang makgwakgwa le go laletsa bolelo, go tlhagelela jaaka botlhokwa jwa peinapole.

Translated by Lawrence Ndou