Go Etela Mapungubwe

Serapa se se Ntle

©Jacques Marais
Mapungubwe National Park e buletse setšhaba dikgoro tsa yona ka 2004. Ke serapa se se ntle; se tsosolosa maikutlo, se tletse masaitseweng le dimakatsô. Ke e bone jaaka motswedi wa ka metlha wa kgatlhiso le thotloetso. Mogodi mongwe gotswa kwa Thohoyandou o mpoleletse fa mongwe le mongwe yo tlang Mapungubwe o batla go ithopela. O bua nnete tota.

Go Gorogwa Jang Teng

©David Fleminger
Mapungubwe National Park e ka nna sekgala sa 530km kwa bokone jwa Johannesburg (480km gotswa kwa Pretoria). Go tla go tsaya magareng ga diura di le 5 le thataro go fitlha teng, goya ka pharakano. Kgweetso e telejana go ka itlhabisa phefo ka mafêlô a beke, fela ke matsapa a a namatsang.
Gotswa Johannesburg, tsaya N1 goya kwa Polokwane/Pietersburg.
Kgweetsa ka go gara mo toropong mme o retologele mo R521 goya Dendron.
Morago ga Dendron (e e bitswang gape Mogwadi), tswelela ka R521 goya Vivo. O tla bona mmôtô o o tlhamaletseng wa dithaba tsa Soutpansberg o tlhatlhoga gotswa mo sekgweng se se phaphathi, mme o tla se feta ka tlhakoreng ya sona e e kwa bophirima.
Morago ga Vivo go tla motsemogolo wa botsomi wa Alldays. Tsela e dira leoto la ntša (moja-molema) jaaka o tswelela mo R521 go leba Pontdrift.
Mo sekgaleng se se ka nnang 11km pele ga kgoro ya molelwane wa Pontdrift, o tla bona matshwao a Mapungubwe.
Retologela kwa mojeng mo R572 mme o tswelele sekgala sa 23km goya kwa kgorong-kgolo.
O ka fitlha Mapungubwe gape gotswa Musina. Go tsamaya ka tsela eno, tswelela mo N1 go kgabaganya Polokwane/Pietersburg le Makhado/Loius Trichardt goyw Musina/Messina. Kwa Musina, retologela kwa molemeng go tsena mo R521 mme o kgweetse sekgala se se ka nnang 60km go ya kwa kgorong-kgolo.

Ditsela tsotlhe tse di lebang kwa kgorong-kgolo ya Mapungubwe di tsentswe sekontiri mme di mo maêmông a a siameng.

Iponele Ditlhokwa kwa Polokwane

©Jacques Marais
Lemoga fa Polokwane ele toropo ya bofelo e kgolo e o tlileng go e bona, ka jalo reka sengwe le sengwe se o se tlhokang. Kwa Mapungubwe go a ikapeelwa. Ditoropo tsa Dendron, Vivo le Alldays di na le diteišane tsa lookwane le mabenkele a le mmalwa a mannye, fela ga go na sepe se se kalo.
Gopola go tshela lookwane kwa Alldays ka gonne ga gona diteišane tsa lookwane magareng ga Alldays le Mapungubwe. Mo nakong eno, ga gonq lookwane kwa Mapungubwe. Seteišane se sengwe fela sa lookwane se kwa Dongola Ranch, sekgala se se ka nnang 30km gotswa kwa kgorong-kgolo mo tseleng e e yang Musina.

Maêmô a Bosa le Malaria

©Ton Rulkens
Mapungubwe e mo karolong e e omeletseng go le gonnye ya naga, mme dipula tsa ngwaga le ngwaga di magareng ga 350-400mm, di tshologa gantsi mo dikgweding tsa selemo. Jaaka go kailwe fa godimo, kgaolo e tshabelelwa ke dipaka tsa gangwe le gape tsa komelelo.
Dilemo di ka nna mogote thata, go fitlha kwa 45 degrees centigrade. Mariga a bothitho, fela masigo a ka tsidifala. Ke kakanyo e ntle go tla ka diaparo dingwe tse di bothitho fa o tlile go kgweetsa bosigo.

Mapungubwe e tshwailwe jaaka kgaolo ya malaria, ka jalo tsamaya ka segasi sa ditshitshiri. Fela, go nna teng ga menang e e tsholang malaria go kwa tlase fa go bapiswa le Kruger, mme ga go ditshwaetsego tse di begilweng go sale gale. Tlhopho ya go tsaya melomo ya twantsho ya malaria kgotsa nyaa e mo go wena. Golagana le ngaka ya gago, fa go tlhokega.

Translated by Nchema Rapoo