Ditswatsheding mo Mmung

©C Walter

Go botlhokwa gore botshelo jwa sejalo bo golele mo mmung o o nang le botswatsheding jo bo lekaneng. Ditswatsheding di tlile go thugega fa nako e ntse e tsamaya mme di tlamele maatla a ditshedinnyennye di a tlhokang gore le tsona di thuge ditswatsheding, tse kwa bofelong e nnang dikotla tse dijalo di di tlhokang go ka gola.

Ditswatsheding Ke Eng

Ditswatsheding di bitswa gape khabone ya mmu. Khabone ke kgwethe-kgolo ya kagô ya dimolekhule tsotlhe tsa botswatsheding mme seelô sa khabone mo mmung se amana le palogotlhe ya ditswatsheding tsotlhe mo mmung.

Ditswatsheding mo mmung di akaretsa magweregwere otlhe a dijalo le ditshedinnye tse di tshelang mo mmung mme di bopiwa ke dikarolo di le tharo tse di itshupileng – ditshedinnye tse di tshelang, magweregwere a a foreshe le magweregwere a a bodileng.

Ditshedinnye tse di tshelang di tshwanetse go ka dira go ka nna 15% ya botswatsheding jwa mmu mme di akaretse ditshedinnyennye tse di jaaka bacteria le mouta, ga mmogo le diphologotswana tse di jaaka dibokwanammu, ditshenekegi le dirunya.

Magweregwere a a foreshe ke ditswatsheding tse di suleng tse di iseng di thugege gotlhelele (tse di iseng di bôle) mme di akaretsa ditshedinnyennye tse di sa tswang go swa, ditshenekegi, dire-sejalo le mmutele o o foreshe.

Sere sa botswatsheding se se bodileng sentle mo mmung se bitswa humus. Seno ke sere se se kitlaneng se se borokwa kgotsa ntsho se se salang fa morago ga gore bontsi jwa matlakala a botswatsheding bo sena go bôla. Humus e bofaganya dikarolwana tsa mmu mmogo go bopa mafofora kgotsa mesoboko. Mesoboko eno e bopa popegô ya mmu mme e kgontsisa mmu go tshola bometsi. Humus ke molekhule wa botswatsheding o o tsepameng go gaisa mme ke motswedi wa khabone le maatla tse di gololwang ka iketlo.

Dipoêlô Tsa Ditswatsheding

Mmu wa temô o tshwanetse go nna le botswatsheding jwa magareng ga 1% le 6%. Mo Afrika Borwa, bolengpalo jono bo ka farologana magareng ga 0.05% le 3 - 4%.

Fa botswatsheding mo mmung bo ntse bo nna bontsi, ke mo dijo di nnang di ntsi go ditshedinnyennye mme ke mo dikotla di tlileng go gololwa ka bontsi goya kwa dijalong. Ditswatsheding di thujwa ke ditshedinnyennye ka tsamaiso ya tshotelo.

Mo tsamaisong eno ya thugo, ditswatsheding di diriswa ke ditshedinnyennye jaaka dijo mme dikotla tse di leng mo ditswatsheding ga di ise di nne teng go dijalo jaaka dikotla. Ke fela fa ditswatsheding tse di tshotetsweng sentle di fetolelwang go humus mo di nnang mosola go dijalo. Humus e tshwarelela dikotla, mme ka iketlo e di golole ka mokgwa o dijalo di tla kgonang go di monyela ka medi ya tsona.

Fa ditswatsheding di thugwa le go tshotelwa mo mmung, dimolekhule di gololwa gotswa mo diseleng tsa magweregwere a a foreshe. Dimolekhule tseno di akaretsa di-protein, diesiti tsa amino, disukiri le setatšhe mme di dira jaaka dijo go ditshedinnyennye tse dingwe mo mmung.

Ditshedinnyennye tseno tse di tshelang di iphepa ka seresemela mme di tlhagisa dire tse di bofelelang dikarolwana tsa mmu mmogo. Dikgwethe tseno tsa dikarolwana di dira popegô e e siameng ya mmu mme di thusa go tsepamisa mafofora a mmu. Ditshedinnye tse di jaaka dibokwanammu le mouta mongwe le tsona di thusa go tsepamisa popegô ya mmu. Sekai, ka go tlhagisa mesele e e letlang metsi go ka tsenelela, mme ka jalo go tokafatsa bokgoni jwa mmu jwa go tshola metsi ga mmogo le tsenyo-mowa.

Go Ka Oketswa Ditswatsheding Jang Mo Mmung

©Marinda Louw

Oketsa ditswatsheding mo mmung wa gago ka go tshela mosutele wa diphologolo (eseng mosutele o o tswang mo diphologolong tsa selegae tse di jaaka dinja kgotsa dikatse), matlhare, matlapi a merogo le a maungo, bojang, kobelo, magweregwere a dimela, motshotelô le mosutele o mo tala.

Mosutele o motala gape o ka jalwa le go lokelwa ka go o epelela kgotsa go o lemelela mo mmung. Mosutele o motala ke sejalo se se jalwang le go tsenngwa mo mmung fa se santse se le se tala. Mosutele o motala gape o tsenya nitrogen le go tlhotlholetsa diphetogo tsa botshedi mo mmung. Dikai tsa mosutele o motala di akaretsa menawa e e jaaka lucerne, cowpeas le clover ga mmogo le dimela tse eseng menawa tse di jaaka korong, oats le rye. Metswako ya menawa le tse eseng menawa le yona e a dirisiwa.

Translated by Nchema Rapoo