Go Dira Metsi Ditekô mo Temôthuong ya Ditshelametsing

© Marinda Louw

Boleng jwa metsi a letamo le motswedi wa metsi a temôthuo ya ditshelametsing (bolemirui jwa tlhapi ya metsi a a foreshe) di tshwanetse go ka dirwa ditekô pele ga temôthuo ya tlhapi e ka simolola. Ka metlha tsaya disampole tsa tekô tsa metsi gotswa mo mafelong a a farologaneng mo letamong mme eseng fela mo losing.

Mo metsing a fa boalông: dira disampole tsa metsi ano ditekô tsa oxygen, pH, nitrogen yotlhe, ammonia le phosphorus (P) yotlhe.

Mo metsing a a tserweng kwa botlaseng jwa letamo: dira ditekô tsa oxygen, pH le ammonia.

Tsela ya go Sampola Metsi mo Letamong

Nako e e gaisang ya go tsaya disampole tsa metsi kwa Kapa Bophirima e tla nna ka Ngwanatsele go fitlha ka Ferikgong, go bua Henk Stander, molaodi-mogolo wa setegeniki wa Aquaculture: Department of Animal Sciences at Stellenbosch University.

Sampola metsi gaufi le boalô (gotswa go boteng jwa 1 goya go 2 m) le gotswa gaufi le botlase jwa letamo ka mokgwa wa sesampodi sa metsi. Mo matamong a a seng boteng, tsaya sampole kwa matsenong a letamo mme sampole e nngwe kwa moseleng wa lona.

Tsaya sampole ele nngwe kgotsa di le pedi kgotsa go feta fa matlole a letla; go dira tshekatsheko ya laboratory ka botlalo go tlile go ja magareng ga R1 500 le R2 000 (2019). Seêlô sa sampole sa 350 ml se tla siama. Bolokela mo setsidifatsing mme o sekaseke mo sebakeng sa malatsi ale mararo morago ga go tsaya sampole, go gakolola Stander.

Boleng jwa Metsi jo bo Eletsegang go Temôthuo ya Ditshelametsing?

©Brian Ginn, North American Lake Management Society (NALMS)

Disampole tsa metsi di sekasekelwa mekgwa e e farologaneng mme e ka akaretsa go dirwa ditekô tsa di-metale tse di bokete. Boleng jwa metsi jwa kwa ntlheng (pele go simololwa bolemirui jwa tlhapi ya metsi a a foreshe) bo tshwanetse go nna ka fa go latelang:

Oxygen:
Oxygen e e lekaneng mo metsing a fa boalông: 7 goya go 12 mg/L.
Dielô tse di kwa godimo go feta tsa oxygen di tlile go bontsha kgolô ya phytoplankton e e feteletseng mme e oketse matshosetsi a phokotsego ya oxygen fa phytoplankton e swa.

pH:
pH ya metsi a boalô e tshwanetse go nna ka fa tlase ga 8 le magareng ga 5 le 8. Pharologano magareng ga pH ya metsi a boalô le a botlase e tshwanetse go nna ka fa tlase ga 1.5.

Ammonia:
Dielô tsa ammonia kwa botlaseng ga di a tshwanela go feta 1 mg/L.

TP:
Dielô tsa total phosphorus (TP) tsa metsi a boalô ga di a tshwanela go feta 50 μg/L (0.05 mg/L).

TN:TP
Kamanô-magareng ya total nitrogen: total phosphorus (TN:TP) ga e a tshwanela go feta 20. Seno ke go efoga ditatsô tse di tswileng mo tseleng mo tlhaping ka ntlha ya bolêlê.

Ponagalo
Ponagalo e e siameng e tshwanetse go nna go feta 50 cm jaaka e fitlheletswe ka puiso ya Secchi-disc.

Translated by Nchema Rapoo