Dimela tsa Setlogo tsa Aforika Borwa jaaka Ditlolo tsa Tlhago
Dimela tse dintsi mo Aforika Borwa – le fa e ka nna tsa setlogo kgotsa tse di dirilweng tsa tlhago - di ne di dirisiwa jaaka tlhokomelo ya letlalo ya tlhago kgotsa ditlolo tsa tlhago ke batho ba setlogo le merafe dingwagangwaga. Mekgwa ya bontle jwa segompieno ke go lemoga mefuta ya dithoto tsa dimela tse di alagang jaaka dingolafatsi tsa tlhago, dilootsi tsa letlalo le mosola wa tsona go tsa boitekanelo.
Potata ya Aforika ya Naga
Hypoxoside e ntshiwa go tswa mo modikoteng wa segwere sa Hypoxis hemerocallidea mme e fetolwa go rooperol, ke twantsha malwetse e e maatla le phelakadingwe e e lokologileng go feta. Mo godimo ga moo, potata ya Aforika ya ditshedi e na le sterol e e kwa godimo le diteng tsa sterolin, e e ka nnang le thibelathurugo le diteng tsa go matlafatsa masole a mmele. Go tshwana le khotisone e ka busetsa morago go senyega ga letlalo le mosifa o botlhoko. Ke twantsha malwetsi e e maatla e e itsegeng ka go nna le poelomorago ya go thibela go tsofala e e maatla.
Mokgopha Ferox
Thema ya Mokgopha ferox e na le ditswaki tse di mafolofolo tse dintsi (aloin le diamino esiti) go feta leloko la yona le leng kwa Amerika.
Mokgopha vera ke setswaki se se rategang mo ditlolong tsa tlhago, dithoto tsa yona tsa go ngolafatsa le go tlakisa di kgoa go alafa phiso ya letsatsi kgotsa phuso gape di imolla go tlhotlhona. Kwa ntle ga go nna le motlhodi wa bradykinase, se se fokotsang thurugo, thema ya mokgopha forex gape e na le dilwantsha malwetsi le dibhithamine A, C le B12. Ka ntlha ya dilo tsa go thibela melanine, e dirisiwa gape jaaka setshweufatsi sa letlalo sa tlhago.
Oli ya Mowana
Oli ya peo, e e themileng e e nkgofaditsweng bonolo, mowana e dirisiwa jaaka sengolofatsi, oli ya tshidilo le kiinelo e e bollo ya dinala le moriri o o omileng. Dithoto tsa yona tse di maatla tsa go lwantsha malwetsi, ka ntlha ya β–sitosterol, di ka fokotsa tshenyego ya disele tsa DNA. Mo godimo ga moo, oli ya mowana e na le diteng tsa omega-6 tsa di ka nnang 30% mme e na le D3, F, K le E (sebolaya malwetsi) gammogo le bithamine ya A eo e ntšhwafatsang malotha a sele mme ka alafa matshwao a taologo ka go tlhotlheletsa kholajene. Bithamine F ke esiti e e sa kolobetswang eo tsosolosang le ntšhwafatsa malotha a disele membranes.
Oli ya mowana e e imollang le go tsenelela e thusa go psoriasis le mosweswe jaaka e busetsa le go ngolafatsa gape.
Oli ya Legapu ya Kgalagadi Tsamma
Kgalagadi tsamma ke ya setlogo kwa kgaolong ya Kgalagadi ya Borwa jwa Aforika mme e dirisitswe go feta dingwaga di le 4 000 jaaka mongolafatsi.
Batho ba San (Barwana) ba dirisa oli e jaaka mongolafatsi, go rotloetsa kgolo ya moriri, le sekgojwa sa maungo se se tswakilweg ka metsi go diriswa jaaka tshireletsa letsatsi.
Ka ntlha ya maemo a a kwa gongdimo a esiti ya linoleic (e e tshwana le oli ya bosigo ya primrose) peo ya oli ya legapu la kwa Kgalagadi ya oli e thibela thurugo mme ka jalo e siame go dirisiwa mo letlalong le le mafura le diso. Esiti ya linoleic e fokotsa go ntshiwa ga horomone ya sebum, e busetsa bongaologo ba letlalo le go fokotsa go tsutsubana. Oi ya peo ya Kgalagadi gape e siametse lekgamatha le letlola tlhogo le le tlhotlhonang.
Ka ntlha diteng tsa yona tsa esiti e e mafura, oli e tshwanetse go dirisiwa mo disepeng tsa tlhago.
Oli ya Mongongo/Manketti
Oli ya peo ya Mongongo (Schinziophyton rautanenii) gape e itsewe jaaka oli ya manketti – e ntshiwa (ka bothata) go tswa mo dithamaneng tse di tiileng tsa ditlhare tsa Mongongo tse di melang mo kgaolong ya Kgalagadi ya Borwa jwa Aforika, fa e neng e dirisiwa ke batho ba selegae jaaka setlolo sa moriri le sesireletsa letsatsi sa tlhago.
Oli ya Mongongo, e bopa tshireletso e e seng ya oli mo letlalong le moriri fa esiti ya eleostearic mo e tsiboga le lesedi la UV.
Oli ya peo e e serolwana ya mongongo e monega bonolo, se se dirang gore e nne e e siameng mo kalafong ya monko le mo ntsho kunong ya tlhago. E kwa godimo ka senke (Zn) le bithamine E (selwantsha malwetse) se se oketsang mo dithotong tsa tshireletsong le thibela e botlhokwa that mo go alafeng mosweswe le go rotloetsa ntšhwafatso ya disele.
Oli ya Helichrysum
Helichrysum odoratissimum (diphedi tse di dirisiwang go gaisa mme di tlwaelegile mo Aforika Borwa) e itsege jaaka e e tswelelang ruri, mphepho (Sethosa, Sezulu), kgotsa kooigoed (Makhoisane, MaAforikanere).
Oli e e botlhokwa e nang le monko wa boungo o o nonofileng e bile e dirisiwa jaaka monko fa dilwana tsa sejalo tse di dirisiwang go alafa malwetse a a farologaneng a bongaka.
Fa e dirisiwa jaaka setswaki tsa ditlhokomela letlalo le ditlolo, thibelathurugo ya oli ya helichrysum, sethibela mouta le dithoto tsa sebolayamegare di ka alafa dika tse di mabadi, bolwetsi ba letlalo le diso. E na le dilwana tsa thibela botsofe tse di ka rotloetsang tsosoloso ya disele, e siame ka tiriso mo dithibela tsatsing le ditlolo tsa letlalo.
Oli ya Morula
Oli ya Marula (Sclerocarya birrea) ka tlwaeo e ne e dirisiwa mo tikologong ya Limpopo ya Aforika Borwa jaaka sengolafatsi sa letlalo, jaaka sesepa sa moriri mo moriring o o omileng, motheo wa sesepa le go sidila masea.
Oli ya Morula ke motswedi wa esiti ya oleic wa tlhago, e e kwa godimo ka dithoto tsa selwantsha malwetsi. E a metsifatsa le go dira letlalo le nne borethe mme e fokotse go hibila.
E nonne ka diesiti tsa mafura tse di leng botlhokwa, popego ya dimolekhula ya oli ya morula ke e e botlhokwa mo nonofong ya yona ya go ngolafatsa ga letlalo mme ke ya letlalo le le butswitseng le le sa nosediwang. Gape e kwa godimo ka bithamine ya C le E oli e kgona go fenya go kopanywa le okisitšeneng.
Oli ya Morula e na le ntlha e e siameng ya ‘thelelo’ oli e lolameng ya tshidilo.
Translated by Lawrence Ndou