Dilekanyetso tsa Bolemirui jwa Catfish mo Afrika Borwa

©Leslie Ter Morshuizen
Go ntse le maiteko ale mmalwa a bolemirui jwa catfish mo Afrika Borwa mo malobeng, ga go ope a ona a a atlegileng. Nngwe le nngwe ya dipolase tseno e ne e tsepamisitse-tlhaloganyo mo letlhakoreng la setegeniki la kgwebo mme ya atlega mo tsadisong le kgodisong ya catfish, fela di reteletswe ke go rekisa setlhagiswa mo go lekaneng go bona katlego ya moruo.
Polase ya catfish e e leng kwa Graaff-Reinet e simolotse ka tlhagiso ya ditlhagiswa tsa tlaleletso-boleng le go bona bareki ba ditlhagiswa tseo, mme e dumela fa tlhokego ya go tlhoka mmaraka e ka efogwa.
Ka ntlha ya bokgoni le mokgwa wa tiriso-madi e e tseneletseng tsa temôwatle, go thata go ditlhopha le batho-nosi ba ba senang nngwe ya tseo, kgotsa tseo ka bobedi, go tsena ka katlego mo bodirelong jwa bolemirui jwa tlhapi.
Ka jalo, go eleletswa gore temôwatle tsholetso ele matshwanedi go ka tsamaiswa jaaka ‘lenaane la kgodisô la lefelo-ikemelo’. Matswakabele a legato la bothuthusetso jwa catfish bo di dira gore di tshwanele mokgwa wa ‘boikemelo’. Lefelo-bogareng le tshwanetse go dira ditiro tse di tlhokang bokgoni jo bo tseneletseng tse di jaaka thuthuso, theko-bontsi, phetolo ya catfish, dithekiso, katiso le ditirelo tse atolositsweng, fa mafelo-ikemelo a reka ditlhapinnye gotswa kwa lefelo-bogareng, mme a godisa ditlhapi goya ka katiso e a e boneng le kgakololo ya ditirelo tse di atologileng. Mafelo-ikemelo ano jaanong a tla rekisetsa lefelo-bogareng tlhapi e e phelang ya bogolo jwa ka mmarakeng.
Ka tsela eno, lefelo-bogareng le ka etleletswa ka matlole a poraefete fa mafelo-ikemelo a ka etleletswa, fa go tlhokega, ka matlole-thuso a puso kgotsa madi-kadimo a a boleta, eleng madi-kadimo a seêlô se se kwa tlase sa morokotso. Thulaganyo eno e setse ele mo tirisong go ditshidi tse dingwe tsa temôwatle (mussels, koi) fela eseng ka catfish ga jaana. Tshono ke eno.

Translated by Nchema Rapoo