Carob Jaaka Sefepi sa Diphologolo

© Zeynel Cebeci

Setlhare sa motalafalelaruri sa carob se tlhagisa diphotlwa tse tala, tse di fetogelang go borokwa fa di budule. Diphotlwa di na le thapo e e tswina le dipeo tse di lekalekanang ka bogolo tse di borokwa. Fa di godile, dipeo di tlhagisa borekhu jo bo dirisetswang go kitlanya dijo.
Diphotlwa tse di tswina, tse di tletseng fibre di jewa ke dipitse, dikgomo, dikolobe, dipodi le mebutla. O seke wa fepa dikgogo ka tsona. Diphotlwa tse di feletseng (le dipeo tse thata) di tshwanetse go tšhwetla ka mo gare ga hammermill. Dipeo tsa carob di tota di le thata mme ntle fela le fa di sitswe pele go fepiwa ka tsona, di ka feta di sa silwa mo karolong ya tshilo ya phologolo. Dipeo tsa carob di na le protein e e ka nnang 18% le borekhu jo bo ka nnang 42 - 46%.
Carob e tletse tannins mme ga e a tshwanela ke go dira go feta 10% ya phepô ya phologolo. Tannins tseno di kgoreletsa tshilo ya protein. Bopi jwa peo ya carob bo na le protein e e kwa godimo mme bo diriswa mo sefeping sa dikgomo ga mmogo le mo di-biscuit tsa dintša. Bopi jwa carob bo tlhapologa bonolo mo metsing mme bo ka diriswa jaaka phepô ya kgwesô-letswele go dikolojaneng, dinamaneng le diotli tse dingwe.
Barui bangwe ba fepa dipitse tsa bona carob jaaka karolo ya ‘sefepi se se rurufetseng’ (fibre e e kwa godimo) kgotsa mo boemong jwa dinatefisi tse di sukiri jaaka liquorice. Diphotlwa di silelwa mo hammermill, fela dipitse dingwe di ja diphotlwa ka tlhamalalo gotswa fa fatshe.
Carob jaaka sefepi sa mmutla e dirilwe diteko mo patlisisong ya kwa Egepeto, mme go ne ga fitlhelwa gore go akaretsa 5% ya diphotlwa tsa carob mo phepông go tsosolositse tiragatso ya mebutla e e santseng e gola.

Carob go Dinku le Dipodi

Carob jaaka sefepi sa diphologolo go dinku e dirilwe dipatlisiso ke Kahramanmaras Sutcu Imam University kwa Bursa, Turkey. Go fitlhetswe fa diphotlwa tsa carob tse di feletseng ele motswedi o o siameng wa maatla go dinku, fela tlaleletso ya protein e tla tlhokega fa diphotlwa tsa carob di akaretswa mo phepông ya seotli.
Mo patlisisong ya phepô kwa Italy, go fitlhetswe fa diphotlwa tsa carob di na le protein le maatla tse di lekaneng go samagana le ditlhokegô tsa tlhokemelo le ntshô-mašwi tsa dipodi le dinku tse di ntshang maswi kwa dikgaolong tse di omileng gose nene. Mo dipoding tsa mašwi, phepô e e seng ya phulô e na le seelo se se tshwanetseng sa fibre ka mokgwa wa diphotlwa tsa carob (26%) le sethugwa sa bete (27%). Selekanyo seno se ka diriswa mo boemong jwa phulô ya boleng jo bo kwa tlase.

Carob jaaka Sefepi sa Kolobe

Carob e matshwanedi jaaka sefepi sa kolobe. Patlisiso e e dirilweng kwa polaseng ya dikolobe tsa kgwebo kwa Greece e lebile gore phepô ya carob e ama jang boleng jwa nama mo dikolobeng. Palogotllhe ya dikolojana di le 160 tse di kgwesitsweng letswele di ne tsa fepiwa phepô, e e nang le 0 kgotsa 75 kgotsa 100 kgotsa 125g ya diphotlwa tsa carob mo kilogram nngwe le nngwe ya sefepi. Dipholô di bontshitse fa bokete jwa mmele bo le kwa godimo ka go bonala fa go tsenngwa 75 kgotsa 100g/kg ya diphotlwa tsa carob. Tiriso ya diphotlwa tsa carob mo phepông ya dikolobe mo seelong sa phepô sa 125 g/kg e ne e sena ditlamorago dife kana dife mo boketeng jwa mmele. Diphotlwa tsa carob ka jalo di a rotloetswa jaaka sefepi sa dikolobe tse di akolang.
Moitseanape wa dikolobe le ngaka ya diphologolo Dr Jim Robinson, o rotloetsa tiriso ya carob e e sitsweng ka bosesane e e sa feteng 5% ya sefepi, mme o eleletsa gore go fepiwe dikolobe tse di godileng pele, go bona tsibogo ya tsona. ‘Dielo tse di kwa godimo tsa tannin le sukiri di na le go gatelela keletso-dijo mo dikolojaneng, le gale bomaatla bo tla nna jo bo siameng. Tswaralela 5% jaaka tshomarelo ya ditshenyegelo, ntle le fa carob e phetolwa le go rekiswa le tshekatsheko e e tshepagalang go tsamaya le yona. Ke gona fela mo o ka lekang go e oketsa gore e dire 10% ya motswako wa gago wa sefepi.’
Ka kopo elatlhoko: Tshedimosetso ke ya go ithuta le go itshedimosa fela mme e se tsewe jaaka kgakololô ya kotlô. Maitlhomo a tshedimosetso ga se go tsaya maêmô a kgakololô kgotsa ditaelô tsa phepô tse di rebolwang ke baitseanape ba kotlô ya diphologolo.

Translated by Nchema Rapoo