Cape Rose Geranium

©Alice Notten of Kirstenbosch
Cape rose geranium essential oil - Pelargonium capitatum x radens (rose) - e kgethegile thata mo go dile 700, tsa mefuta ya dimela tsa geranium tse dilemiwang, ke hybrid ya mefuta e mebedi mo go dile tharo tsa dijalo tse dintshang oli, tse di akaretswang mo mophatong wa di-pelargonium. Go na le tlhakatlhakano kaga leina la sejalo se. Sejalo se, se wela mo mophatong wa di-pelargonium mme ba bantsi ba se kaya e le enngwe ya dijalo tsa mophato wa di-geranium.
Sejalo se, se botlhokwa mo Afrika Borwa ka gonne Basotho ba dirisa matlhare a sone go dira mere e e ka phekolang malwetse a letlalo le dintho. Ditiriso tse di tlwaelegile di akaretsa kalafo ya PMS kgotsa matlhoko aa tsamaisanang le bona setswalo (menstruation). Malwetse a manyaapelo (depression) ka gonne e kgona go lekelekantsha di-hormone tsa motho.
Mo indastering ya di-cosmetic, ke enngwe ya metswako e e dirisediwang go thusa letlhalo fa motho a fisitswe ke molelo kgotsa fa letlalo le ka segwa ke sengwe mme wa bona matsadi. Mo indastering ya dijo e dirisediwa go naya dijo tatso, bogolo setonna mo dijong tse di nang le mmala o pinki. Cape Rose Geranium e kgona go bolaya dikokwanatlho (anti-bacterial), e fokotsa borurugi (anti-inflammatory) e bile e koba ditshenekegi kaga e na le ‘geraniol” le “citronellol”.
Le fa e le gore e tlholega mo Afrika Borwa, e lemiwa lefatshe ka bophara. Bogolosetonna kwa India, China le Egepeta. Mathlare a sone a kgetlhiwa gararo mo ngwageng. A bedisiwa ka tsela ya “steam-distillation” go antsha oli e e tshesanyane, ya mmala oo botala jwa mmala wa lephutshe (yellow-grenish). Mafelo aa lemang rose gerania ka bontsi mono Afrika Borwa ke Mpumalanga, KwaZulu Natal, Westerne Cape le Profinsi ya Limpopo. Sejalo se se tshaba serame.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Ikalafeng Maedi