Bukettraube

Tlhaloso

Bukettraube ke mofuta o o mosweu wa semela sa tshimologo ya kwa Jeremane go tswa go leidi la diterebe tsa Sylvaner le Trollinger.

E butswa morago ga nako thata kwa Jeremane le go nna kotsing ka ntlha ya monyo o o botsatsa o o lerole, mofuta o wa semela a batlile o swela ruri.

Tshimologo

Jeremane

Maina a mangwe

Bouquettrabe, Bukettrebe, Mmetsa mabole, Riesling Bukett, Sylvaner Musque, Bukettriesling, Bocksbeutel, Wuerzburger.

Tsweletso ka mo Aforika Borwa

Lelapa la diterebe la ntlha (kwadilwe) di jetswe ka 1978 mo polaseng ya Lemoenfontein gaufi le Paarl. Go jalwa go fokoditswe go tloga go 280ha ka 2000 go ya go 52ha ka 2016. Bontsi jwa Bukettraube (31.5ha) e fitlhelwang mo kgaolong ya Swartland.

Dikgaolo tsa tsweletso

Fela ka ga 70ha ya Bukettraube ke e e leng teng mo lefatsheng, le ka ga 68ha mo Aforika Borwa (2014), segolo mo Cederberg, Paarl le Malmesbury.

Kgolo

Mofuta o wa domela o na le thobo e e kwa godimo, mme ke e e golang ka bonya le bokowa. Go tlhwatlhwa godimo go e godisa ka ntlha ya go ba kwa godimo ga ditshenyegelo khatso.

Go Butswa

Terebe e butswa morago ga nako fela se gantsi go isa go bo esete jo bo kwa tlase 5-6g/l

Borekhu

Borekhu bo golo, ba go tia bo potokwe, letlalo la seka mamina. E kgolo ka go kitlana, diako tsa sebopego sa khounu.

Disenyi le malwetse

Bukettraube e tlhaselwa ke malwetse a jaaka oidium (monyo o o botsatsa wa lerole) mme letlakala le a menagana le go nna bonolo go nna kotsing ya phios ya letsatsi.

Tiriso

Ka nako ya bo 80 ’ Bukettraube e ne e dirwa ka mokgwa o botshe, o dirisiwa jaaka ye e siameng nakong e efitileng ya go roba le go dirisiwa mo metswakong.

E na le palo ye e lekanyeditsweng jaaka veine ye e le nngwe jaanong, le go jwala mo Aforika Borwa ke jo bo lekanyedistweng fela ka ntlha ya go nna le bothata jwa go gola.

Bokgoni jwa botsofe ba Bukettraube ga se bo bo fetang dikgwedi tse 12. E tsholwa ka disalata tse di seloki, dikheri, nama ye e apeilweng ka phufudi kgotsa phuting.

Tatso le Moutlwalo

Bukettraube e bontsha apolekosi ye e ikemetseng le monko wa dithunya tsa Muscat. Ka go kgomana le kutu Bukettraube e tlhagelela bo mafura kgotsa moutlwalo o o seloki gannye.Translated by Lawrence Ndou