Brittle Stars

© Jean Tresfon

Leina la Mophato

Brittle stars

Leina la Matshamekwane

Serpent stars, Basket stars

Leina la Maranyane

Ophiuroidea

Semeto

E ka meta matsogo a 60 cm

Ponalo

Ka mmele o o sephaphathi, o o bokgolokwe ka mabogo a ka nna matlhano a a nang le ditlhoko tse di dirang gore o lebege ekete dibobowa nyana. Molomo wa yone o mo mpeng ya yone kgotsa o kare ka fa tlase kwa bogareng. Ga e na phatlha ya go ntsha mantle kwa godimo. Mmala o ka forologana go tswa go borokwa, bontsho, boshibidu, mmala wa olive, bosweu le mmala wa namune e tlwaelegile.

Dikitsiso

Mophato wa di’Ophiuroidea o wela ka fa tlase ga Echinodermata phylum, e e akaretsang di’Feather le di’Sea stars ka botlalo, di’Sea cucumbers le di’Sea urchins. E dirisa motsogo a yone go sasanka mo metsing. Matsogo a yone a kgaoga ka bonolo thata, mme ke ka jalo e bediwa ‘Brittle star’. Matsogo ao a tlhoga gape fa a ka kgaoga. Ditsala ka go tshollela mae a tsone mo metsing fa tse dingwe di elama bana ba tsone mo mpeng.

Dijo

E fepa ka ‘detritus’, crustaceans tse dinnye le diboko. E ja le tse di suleng.

Anamiso

E bonwa mo metsing a a iketlileng a mafelo a dipula le mogote mo lefatsheng.

Dibopiwa Tsa Mophato Wa Yone

Brittle star - Ophiarachna affinis
Basket stars - Ophiotrix purpurea