Botsamaisi ba Dijalo tsa Sekwaše

© Louise Brodie

Tikoloso ya Dijalo

Go le gantsi go siame go latela leboo la tikoloso ya dijalo la dingwaga di le tharo go ya go tse di nne. E seng jalo go kubetsa ga mmu go go gagamaditsweng le ditiriso tsa tshireletso ya dijalo di tshwanetse go latelwa. Tiragalo e e gaisang ke go ikgolaganya le motlhankedi wa katoloso wa kgaolo ka kgakolola ka ga tiragalo e e siameng ya tikoloso ya dijalo kgotsa phokotrso ya kotsi.

Kumo - Ditone ka Heketara

Tshomarelo: ditone tse 12
Palogare: ditone tse 20
E Siameng: ditone tse 30

Go Roba

Thobo ke ya diatla. Dirisa thipa e e bogale kgotsa sekero go sega kutu ya leungo la sekwaše sentle. Tlogela karolo ya disentimetara di le 15 go ya go 20 tsa kutu ya sekwaše jaaka se thusa ka poloko le thibelo ya malwetse go tsena mo leungong. Bantshadikuno ba bagolo ba dirisa dirale tsa go roba go dira sentle go feta go tlosa maungo mo tshimong. Go phuthelwa mo tshimong go tle gone go dirwa mo diraleng tse tsa go kgetla.

Poloko

Sekwaše ga se a tshwanela go bolokwa nako e telele jaaka boteng bo bo serolwana bo tla simolola go oma. Poloko e tshwanetse go nna mo lefelong le le omileng le le tsiditsana mme e seng go feta dibeke di le tharo. Masea a dijeme a tshwanetse go bolokiwa ka thempereitšha tse di tsiditsana mo mokgoafatsheng o o tsiditsana le bongola bo bo leng kwa godimonyana. Leungo le sa ntse le sa butswa mme le tshwanetse go jewa ka bonako jo bo kgonegang pele ga ge letlalo le simolola go oma. Jaaka Sekwaše se ka jalwa bontsi jwa ngwaga felo gongwe mo Aforika Borwa, ka ntlha ya mefuta ya ditlha, ga go tlhokege go se boloka. Ntshakuno fela go thulaganyo ya tlhokego.

Disenyi

Ngadube, Armyworms, Sebokwana ba Bolo, Dibokosegi, Dinematode, Dinta tsa Segokgo, Thrips.

Malwetse

Alternaria, Lebala la matlhare, Go Swab aka Baketheria, Monyo o o Bonolo o o Kwa tlase, Go Bola ga Maungo, Go Swaba ga Rusarium, Mogare wa Mosaiki, Phytophthora, Monyo o o Bonolo wa Lerole.
Ke tiriso e e gaisang go ikgolaganya le moitseanape wa disenyi le malwetse go dira lenaneo la tshireletso ya dijalo le le siameng la dijalo tse di ikaeletsweng, nako ya go ntshakuno le karolo ya go ntshakumo.

Translated by Lawrence Ndou