Bolemirui jwa Ditlhapi-kgabisi mo Afrika Borwa

© BROMLEYS Aquatic Specialists

Mo Afrika Borwa, bolemirui jwa ditlhapi-kgabisi bo kaiwa fa ele ‘Cinderella’ kgotsa motswala wa modidi wa temôwatle ya ditlhapi tsa dijo mme baitseanape ba bodirelo ba fopholetsa fa seno se kitla se fetoga mo bo gautshwaneng.
Dipolose-potlana di le di ntsi tsa ditlhapi-kgabisi le polase ele nosi e kgolo di tlile le go tsamaya mo dingwageng tse di ntseng di feta, fela ga gona batlhagisi ba kgwebo ba boammaruri ba ditlhapi-kgabisi ba ba leng teng mo Afrika Borwa. Go mabaka ale mantsi a seno, fela mabaka a a botlhokwa thata ke tlhwatlhwa le boleng.
Ditshidi tseno tsa ditlhapi-kgabisi di tsholwa ka ntlha ya bontle jwa tsona mme eseng go jewa mme ka jalo ke dilwana tsa bonobonobo. Mo go nang le madi ale mannye a ditlhokwa tse di botlhokwa tsa botshelo, ditlhapi-kgabisi ga di nne mo lenaaneng la dilo tse di rekiwang.

Mmaraka wa Ditlhapi-kgabisi

Baamogela-tuelo ba mo bogareng le dikgwebo tse di nang le ditanka tsa pontsho tsa ditlhapi ke mebaraka e megolo go bontsi jwa ditlhapi-kgabisi. Mo setšhabeng se se rulaganeng sentle, boitebaganyi mo tsholong ya ditlhapi-kgabisi bo neelana ka go oketsega ga batshola-tlhapi ba gantsi ba beeletsang madi ale mantsi mo ditankeng le didirisweng tsa ditlhapi, le go isa tota kwa goreng phaposi yotlhe e tlale ka ditanka tsa tlhapi.
Germany le Holland ke dikai tsa dinaga tse kwa go tsona ditlhapi-kgabisi jaaka itloso-bodutu e tsweletseng mo go lekaneng go tshegetsa diromelwa-teng, phasalatso le ditirelo mo lephateng la leruo le la didiriswa. Dinaga tseno di na le mekgatlho ya ditlhapi-kgabisi le ditlhopha tsa badirisi tse di kopanang, di tlhagisa dikwalo tsa ka metlha mme ebile di rulaganya maeto goya kwa dinageng tse ditlhapi tse ba di tsholang di tlholegang kwa go tsona. Lake Malawi le Noka ya Amazon ke mafelo-ketelo a a tumileng.
Afrika Borwa e kgakala le seno. Bodirelo jwa ditlhapi-kgabisi bo fitlheletse setlhoa jwa sona mo botharing jwa dingwaga tsa bo-1990 mme bo ntse bo wela tlase fa e sale fao. Seno ka bonnye ke ka ntlha ya kwelotlase ya moruo wa Afrika Borwa mme ka bonnye ke ka ntlha ya tlhatlhogo ya internet le ‘paka ya computer’ mo itloso-boduto ya botshola-tlhapi e emiseditswe ke kgatlhego mo social media le didiriswa tsa electronic, segolo thata ke baša.

Tlhagiso ya Ditlhapi-kgabisi

Tsadiso le kgodisô ya ditlhapi-kgabisi ga e bonolo ka ge ele lephata le mo go lona tlhokego ya tlhapi ya boleng jo bo kwa godimo eleng botlhokwa thata. Ditlhapi-kgabisi di tlhagiswa ka mogoso kwa Botlhaba Kgakala, mme dinaga tse di jaaka Singapore, Taiwan, Japan ga mmogo le Israel, di eteletse pele. Afrika Borwa e romela-teng go ka nna 95% ya ditlhapi-kgabisi tsa yona tse di tshelang gotswa kwa kgaolong eno.
Go na le batsaya-karolo ba le ba ntsi – Singapore e na le go feta 400 ya dipolase tsa ditlhapi – ka jalo kgaisano e masisi mme tlamelo e tlhoka go nna manontlhotlho le go rulagana ka magoletsa. Bontsi jwa dipolase bo phasalatsa ka dikgwebisano-mmogo tse di rulaganeng sentle tse di rekisang ka bontsi gotswa go mokoa wa batlamedi-potlana. Bontsi jwa batlamedi-potlana bano ke dikgwebo tsa lapa tse di tlhagisang fela mofuta ole esi kgos ele mebedi ya tlhapi. Ditlhapi di phasalatswa ka phofiso goya kwa mebarakeng go ralala lefatshe.
Boleng le motseletsele wa mefuta ya ditlhapi-kgabisi e e leng teng e ya kgatlhisa. ‘Ditshidi’, mefuta le mebala tse di ntšhwa di tswelela go tlhagiswa, mme seno se tshola mmaraka wa lefatshe ka bophara ole matlhagatlhaga. Mefuta e e rileng e kaiwa fa ele mekgabo ya nakwana le feshene jaaka mmaraka wa itloso-bodutu wa botshola-tlhapi o tswelela go batla ‘sengwe se sentšhwa’.

Translated by Nchema Rapoo