Boitekanelô Jwa Mmu Le Boitekanelô Jwa Sejalo

©GrowingProduce.com

Go na le kgolagano ya tlhamalalo magareng ga boitekanelô jwa mmu le boitekanelô jwa sejalo, go tlhalosa Alan Rosenberg mo bukeng ya gagwe Global Health in Crisis - the answer lies in the soil.

Lebaka: fa mmu o ungwile ka bogolo, ke mo teng dijalo di tlileng go itemogela ka bonnye ditlhaselo tse di amanang le disenyi ga mmogo le kgatelelô ya malwetse. Ka mantswe a mangwe, fa mmu o itekanetse, dijalo tse di jadilweng mo go ona le tsona di tlile go itekanela. Ka jalo, malwetse le disenyi ke ditshupo tsa gore boitekanelô jwa mmu bo bokoa.

Boitekanelô Jwa Sejalo

Kgolagano magareng ga boitekanelô jwa sejalo le boitekanelô jwa mmu e tlhamilwe ke biologist ya Mofora, Francis Chaboussou. Chaboussou o dirile kakanyetso ya trophobiosis e e kayang gore ‘sesenyi se tshwarwa ke tlala mo sejalong se se itekanetseng’.

Disenyi di itumela mo dijalong tse go nang le popegô e e kwa godimo ya disukiri tse di tlhapogang mo metsing, diesiti tsa amino le diminerale mo diseleng tsa sejalo. Dijalo tse di golang ka itekanelo di na le metabolism e e matlhagatlhaga mo disukiring, diesiti tsa amino le diminerale tseno mo diseleng di diriswang ka seelô se se lekanang le se di bopegang ka sona. Diedi tsa sele ya sejalo, ka jalo, ga di nne le bontsi jwa dire tseno, mme ga di di ntsi mo go lekanetseng disenyi go di dirisa jaaka dijo le go ka ata.

Tiriso ya dikhemikhale tsa temô e kgoreletsa metabolism ya sejalo, mme seno se ise kwa go nneng bonya ga tswakanyong ya protein le go bopegeng ga diesiti tsa amino mo diseleng tsa sejalo, selo se se dirang gore sejalo se ngôke disenyi thata. Gape, tshelo ya tlaleletso ya nitrogen e ka isa gape kwa tlhagisong e e feteletseng ya diesiti tsa amino.

Go botlhokwa thata gore tsepamo e tshwanetse go fapoga gotswa go kotlô ya sejalo goya go kotlô ya mmu. Kotlô e e tshwanetseng ya mmu e tlile go oketsa di-microbe tsa mmu tse tsona di tlileng go tokafatsa kungô ya mmu, go nna teng ga dikotla le tsenelelô ya metsi.

Pônô eno e rurifaletswa pele ke kwalô ya Yunibesithi ya California, Managing for Soil Health Can Suppress Pests. Kwalô e kaile fa ‘bolaodi jwa itekanelo ya mmu bo ka fetoga karolwana e e botlhokwa ya taolô ya disenyi’.

Boitekanelô Jwa Mmu

Mmu o itekanetse fa maemô a ona a botshedi, bokhemikhale le bobopegi a lekalekana - maemô ano a rotloetsana. Sekai, seêmô sa bobopegi sa mmu o o bokete o o tletseng metsi se ka isa kwa tatlhegelong ya nitrogen, eleng seêmô sa khemikhale. Nitrate (popegô e e rileng ya nitrogen) e ntshwa bo-nitrate mme e tlile go latlhega ka mokgwa wa gase ya nitrogen (N2). Fa dijalo di le ka fa tlase ga kgatelelô ka ntlha ya maemô a mmu (komelelô, pH, ditlhaelô tsa dikotla, compaction jalo le jalo) bolwantsha disenyi le malwetse jwa tsona bo a fokotsega.

Botswatsheding jwa mmu ke motheo wa mmu o o itekanetseng. Mmu o o itekanetseng, o o humileng ka ditswatsheding, o na le mefutafuta ya ditshidinnye tsa mmu tse di farologaneng tse di thusang mo go thugeng ditswatsheding le go gololwa kwa bofelong ga dikotla tse di leng teng go ya kwa sejalong.

Ditshidinnye mo mmung di ka tswela dijalo molemô ka ditsela tse di farologaneng. Bacteria e e rileng, jaaka Bacillus, e ka ntshetsa ntle di-antibiotic tse di ka sireletsang dijalo kgatlhanong le malwetse fa tse dingwe di kgotlokgotsa kgolô ya medi ya sejalo. Dibokwanammu di fokotsa compaction ya mmu fa mouta wa mycorrhizal o thusa ka tiriso e e tokafetseng ya phosphorus.

Kgato ya ntlha mo go netefatseng dijalo tse di itekanetseng di itumetse ke go netefatsa fa mmu o itekanetse ka go tshela ditswatsheding ka bontsi (motshotelô, kobelo, go jala dijalo-khurumetsa, jalo le jalo) go tshegetsa mefutafuta ya di-microbe tsa mmu.

Ditshupo Tsa Boitekanelô Jwa Mmu

©Dinesh Valke

Dijalo tse di itekanetseng ke sesupo se se tlhapileng sa mmu o o itekanetseng. Mmu o o itekanetseng o tshegetsa boidiidi jo bo kwa godimo jwa di-microbe tsa mmu. Seno se akaretsa dibokwanammu le ditshela-mmung tse dingwe.

Kgogolêgô le go na le legogo ga boalô jwa mmu morago ga jalô go supa fa sengwe se sa siama ka mmu, le gore dikotla di latlhegile kgotsa ga di teng go sejalo.

Translated by Nchema Rapoo