Bodumedi le Ditumelo tsa MaZulu

© Dr Peter Magubane

Bodumedi ba Setso sa Mazulu

Mo tsamaong ta hisetori ya MaZulu, go ne go se na le ntlha ya setso sa botshelo ba MaZulu moo tumelo e sa nnang le seabe: ka mo ntweng, mo meletlong, mo magatong a a farologaneng le ditlhakatlhakano mo matshelong a batho a sebele, mo temothuong le tshireletsego ya ikonomi, jalo jalo.

Ka dinako tsotlhe, badimo ba lejwa jaaka motswedi oo thuso le kaelo di ka tswang morago ga thuanyo e e maleba ka setlhabelo. Mo godimo ga tlotlo e ba e bontshang badimo ba bona, MaZulu gape ba dumela mo go setshedi se se fetang botlhe ka maatla, Unkulunkulu, yo o ‘tlotseng go tswa mo bolaong ba dirosa' mme a tlhola diphologolo tsotlhe tsa naga, dikgomo le diphologolo tsa kwa sekgweng, dinoga le dinonyane, metsi le dithaba, gammogo le letsatsi le ngwedi.

Go ya ka ditumelo tsa MaZulu, batho ba na le mmele (umzimba) le mowa kgotsa mowa (idlozi). Mo godimo ga moo, go na le inhliziyo (pelo kgotsa maikutlo) ingqondo (boboko, tlhaloganyo, go tlhaloganya) le isithunzi (seriti, semelo). MaZulu a dumela gore isithunzi se nna mowa wa badimo morago ga loso, fela morago ga moletlo wa ukubuyisa o setse o dirilwe ka nako eo mowa o ‘bosediwa gae'.

Setlhabelo se na le seabe se se botlhokwa mo go tlameleng kgolagano le mewa ya badimo, se neelana ka leporogo le le kgontshang motho go kopa molemo kgotsa go leboga mewa ya badimo ka masego a bona. Mewa ya badimo go dumelwa gore ge na le maatla a go laola maatla a tlhago mme e a lopiwa pele ga ditiragalo tsotlhe tse di leng botlhokwa. 

Mefuta ya Ditlhabelo

MaZulu a farologanya gare ga ditlhopha di le pedi tsa setlhabelo. Sa ditebogo (ukubonga) se diragala fa sengwe se se siameng se ka nna gona, jaaka fa mosimane a fitlhetse nako ya diphetogo tsa bašwa, fa go na le dijo di le dintsi, kgotsa fa botshelo mo umuzi bo tsamaile sentle mme go ne go na le malwetse a mannye.

Ukuthetha, setlhabelo sa go omana, se diragala fa batho ba umuzi ba tlhokafala go sa itsege, kgotsa fa dilo di lebega e kete di a senyega le motho a ikuytlwa a bogisegile. Ditlhabelo tsotlhe, tse ka tlwaelo e leng tsa dikgomo kgotsa dipodi, di dirilwe go ya ka meetlo le tshegetso e tsepameng ya tsamaiso le thulaganyo jaaka ka fa di sa letlelwa, setlhabelo ga se fela fa se ka se tliseng dipoelo, mme se ka nna kotsi.

Ka nako ya ngwagakgolo wa bo20, baitseanape ba setso ba nnile maloko a le nngwe ya dikereke tse di ikemetseng, e e batlang go kopanya tiriso ya Sekeresete tebang le badimo. E nngwe ya tseno, Ibandla lamaNazaretha, e ratega segolo thata mo MaZulung a kwa metseselegaeng.

E tlhomilwe ka 1911 ke Isaiah Shembe, e e itsegeng ka tlwaelo jaaka kereke ya Shembe, dikantorokgolo tsa kereke di kwa Inanda kwa ntle ga Durban, mme e na le balatedi ba le bantsi mo metseselegaeng, ba apara diaparo tse di dirilweng ka ditalama tse di tlhageletseng, mme ba obamela ka go opela le go bina. 

Translated by Lawrence Ndou

MaZulu

Shaka, o nnile kgosi ya setlhopha se se nnye sa MaZulu ka 1818, mme o adile motheo wa setšhaba sa MaZulu bogosi bo bo maatla go gaisa bo bo...more