Barbera

© Altydgedacht Vineyards

Thanololô

Barbera ke mofuta wa mofeine o mohibidu o gantsi o dirisetswang go tlhagisa mefeine ya mo tafoleng, mme kwa Bokone jwa Italy go tlhagiswa gape le mefeine e e galakang. Borasaense go fitlhelela ga jaana ga ba ise ba kgone go supa lotso lwa ona.

Tlhôlegô

Kgaolo ya Piedmont kwa bokone-botlhaba jwa Italy, kwa mofuta ono o ntseng o jalwa dingwagakete, e kaiwa fa e le lona legae la mofuta ono. Fela dipatlisiso tsa DNA di fitlheletse gore mofuta ono ga o tshwane ka gope le mefuta e mengwe e e tswang kwa Piedmont, mme seno sa tlisa mogopolo wa gore Barbera e ne ya tlisiwa mo kgaolong ka nako nngwe.

Mofuta ono ka setso o lebiwa jaaka mofeine o o nwewang tsatsi le letsatsi, go ka itumelelwa e le o moša ka pasta, pizza, cheese kgotsa salami.

Go tlotlega ga ona go godile mo dingwageng tse some-a-mabedi tse di sa tswang go feta, ditebogo go molemi wa mofeine Giacoma Bologna wa legae la mofeine la Braida, yo a tlhagisitseng Barbera ya ntlha e e rekisitsweng go ralala lefatshe ka 1984, mme ka yona nako eo a supa bokgoni jwa mofuta ono jwa go tlhagisa mefeine e e botlhokwa.

Go dira mofuta ono, Bologna o ne a fokotsa dikala tsa merara go isa tlase ntshô-tlhagiso, a kotula diterebe thari gona le ka tlwaelo, go baka gore diterebe di nne le sukiri e e kwa godimo le esiti e e kwa tlase, mme a tsofatsa mofeine mo nakong ya dikgwedi di le 16 mo metômong ya Sefora, e leng metômô e mennye ya logong lwa ouku.

Baiphaphathi ba ma-Italy ba phatlhaladitse mofuta ono kwa California kwa Amerika le Argentina. Ke mongwe wa mefuta e e jalwang thata kwa Italy.

Maina A Mangwe

Maina mangwe a selegae a teng kwa Italy, fela mofuta ono o itsagale semmuso jaaka Barbera mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe.

Ntshô-Tlhagiso mo Afrika Borwa

Moprofesara Abraham Izak Perold o tlisitse Barbera mo nageng e ka bo 1910 mme Ralph Parker, monga legae la Altydgedacht kwa Durbanville, e ne e le mongwe wa batlhagisi ba ntlha ba go jala mofuta ono ka bo 1920. Altydgedacht e simoletse e dirisa mofuta ono go tlhagisa mefeine e e nonotshang, fela ka 1992 e nnile polase ya ntlha mo nageng go o rekisa jaaka mofeine wa mofuta-nosi.

Dikgaolo tsa Ntshô-Tlhagiso

Mofeine ono o na le motlhala o monnye mo Afrika Borwa. Kwa tshimologong o ne o jadilwe mo karolong e kgolo kwa kgaolong ya Durbanville. Le fa go na le kgatlego e ntšha mo mofuteng ono, ke fela dipolase tse di ka fa tlase ga 10 tse di santseng di jala mofuta ono.

Kgolô

O gola ka nonofô, ka ntshô magareng e e ka fitlhang 12t/ha go ya go 15t/ha. Go tlhagisa mefeine ya boleng jo bo siameng, merara e tshwanetse go fetofetolwa gore e tlhagise dingatana tsa diterebe tse di nnye.

Go Butswa

Diterebe di butswa go sale gale, go simolola ka beke ya bobedi ya Tlhakole.

Meretlwa

Meretlwa e bogolo jo bo mo magareng mme e motôpô ka letlapi le le phepôle o montsho fa e feditse go butswa.

Matlhare

Matlhare a yona a a botala jo bo tseneletseng a sebopegô sa rectangular ya bogolo jo bo mo magareng, ka ditsebe tse tlhano.

Disenyi le Malwetse

Barbera e tshaba phori le phefo. E siametse go kotulwa ka motšhine.

Tirisô

Mo Afrika Borwa Barbera e ka rekiswa jaaka mofeine wa mofuta-nosi kgotsa jaaka motswako le mefuta e mengwe e e farologaneng.

Tatsô

Mefeine e e dirilweng go tswa mo diterebeng tse di ša e golaganngwa le leungo le le foreshe le le le omisitsweng, fa e e dirilweng go tswa mo diterebeng tse di butswitseng thata e na le ditatsô tsa moretlwa o montsho le cherry e e bodila.Translated by Nchema Rapoo