O Apaya Jang Nama ya Mmutla

© Coniglio

Nama ya mmutla ke nama e tshweu e tshesane mme e itekanetse thata go ka jewa. Ga e na mafura le eseng, mafura mo setotong a fela fa diphilong le ka bosesane mo magetleng. Nama e ungwile thata ka protein (ka bontsi jo bo ka nnang 20% go ya le gore mmutla o ne o fepiwa eng) mme e na le cholesterol e e kwa tlase thata. Ke nama e e siametseng go jewa ke balwetse le borametshameko ka ntlha ya gore e thugega bonolo.

Nama ya mmutla e ka diriswa mo kaelokapeong nngwe le nngwe e e diretsweng kgogo, fela tlhokomelo e nne teng gore nama e se apewe go feta selekanyô, ka ntlha ya gore e tlile go omelela mme e nne thata. Ka fa go sena mafura mo nameng, go marineita nama pele e ka apewa go thusa go e tshola e le metsi. Marineite o kwa dirwa ka oli e e apayang, tomato sauce, mofeine, garlic, letswai le pherefere kgotsa ditlhatshana-mere dingwe le dingwe tse di leng teng kgotsa tse di eletswang jaaka serethe kgotsa thyme.

Mokgwa wa go apaya o o rategang ke wa go bedisa mmutla otlhe go se nene mo morông o o humileng. Morô o ka dirwa ka manathwana a setoto a a akaretsang tlhogo, diphilo, pelwana jalo le jalo. Tsenya dieiye, digwete, garlic, bonnyenyane jwa mafura a kgogo kgotsa mafura mangwe le mangwe, fela beela sebete go dira semoti. Stock cube – sa kgogo kgotsa pherefere – e ka nna tlaleletsô e e siameng. Morago ga go bediswa, e segelele ka manathwana, inela mo maeng le mo mafoforeng mme o gadike mo oling e e apayang. Tshela ditswaki mme o itumelele dijo tse di monate.

Mmutla o ka apewa mo molelông o o bulegileng. Mareneita nama ya mmutla pele mme o e apeele ka bonako go tila gore e omelele. Go e bedisa pele, mme o e tshase ka marineite o o tatsô, ke kakanyo e ntle ya go tshola matute mo nameng.

Dibete tsa mmutla di ka dirwa semoti se se siameng, ka go dirisa ditswakwa tse di bonolo jaaka dieiye, ditlhatshana-mere, botoro le mofeine kgotsa boranti go neela thagogo e e kgethegileng go semoti se se tswakantsweng sentle. Apaya dibete le dieiye le ditlhatshana-mere go fitlha bongôla jotlhe gotswa mo dieiyeng le dibeteng bo fokotsega. Di ntshe mo molelong, tlhakanya botoro le nnotagi mme o di tswakanye go fitlha gotlhe go nna borethe.

Translated by Nchema Rapoo