Small-Spotted Genet
Tshipa

© Nigel Dennis

Leina

Tshipa ya dikôlô tse nnye [Genetta genetta]

Tebego

Tshipa ya dikôlô tse nnye e nnye mo go ya dikôlô tse kgolo, mme matshwao a yona bontsho-le-bosweu jo bo bonagalang a sena mmala o o rusitseng. Mogatla o mosweu ko ntlhaneng, eseng jaaka wa Tshipa ya dikôlô tse kgolo e mogatla wa yona o leng montsho kwa ntlhaneng.

Ka kakaretso mmala wa mmele wa yona ke o o bosweu jo okareng bo kgotlhetswe bo apesitswe ke dikôlô tse ntsho tse di dirang mola go tswa tlhogong go ya mogatleng. Go ikala ka mokwatla ke bobowa jo boleele jo bo emeletseng bo le bontsho. Ena le bosweu jo bo bonagalang mo sefatlhegong fa tlase ga matlho, jo boseng kalo go dikologa molomo le mo seribeng. Maroo a yona a kgona go funyela. Megatla e meleele mme e dikologiwa ke botilodi.

Phepo

Phepo ya Tshipa eno e tletse diphologotswana le ditshenyikegi. Bommamanthwane, dinonyane, digagabi, bodigwagwa, mekgaditswane, mesitaphala le diphepheng ke dingwe tsa dijo tsa yona. E ja maungo ka bonnyane go lebeletswe le Tshipa ya dikôlô tse kgolo.

Tsadiso

Botsadiso bo diragala gabedi mo ngwageng, bo ntsha bana ba le babedi go ya go ba bararo. Go dusa go tsaya matsatsi a le 70-77. Ditsebe le matlho a bana ba ba fetsang go tsalwa a bulega fela morago ga matsatsi a le 5-18. Maino a matelele a fo pele a tswa mo kgweding ya ntlha. Bana ba bannye ba ja dijo tse di nathiwang morago ga dibeke di le mmalwa, fela di tswelela go amuswa dikgwedinyana.

Maitshwaro

Ke boPhela-nosi, le fa dipara di atle di bonwe, gongwe fela ka nako ya tsadiso. Di rata go dula mo sekgweng se se omileng, le fa di bonwa gape gaufi le dinoka. Gantsi e tlhola e patlame mo ditlhareng motshegare, fela e tlwaetse go nna mo mesimeng le mo gare ga matlapa. Ga e rate ditlhare jaaka Tshipa ya dikôlô tse kgolo.

Di fitlhelwa kae

Le fa phologolo eno okare e aname go ralala borwa jwa Afrika, e fitlhelwa thata mo dikarolong tse di omeletseng tsa borwa jwa Afrika. E loleya kwa lebopong bophirima lwa Namibia le kwa mabopong a a kwa Bophirima le borwa-bophirima jwa Afrika Bora.

Dintlha Tlhagiso

Phologolo eno e kgona go ruega mo bodulong jwa batho jaaka kwa di safari lodge. ko di tumileng ka go namela ditafole ka nako ya dijo le go itseela dijo mo ditafoleng.