Nelson Mandela O Fana Ka Lefoko Go Mogwanto wa Basadi wa go Ipelaetsa Kgatlhanong le Melao ya Dipasa

©Dr Peter Magubane
Nelson Mandela o fa setlhopa sa bomme lefoko ka motsi wa mogwanto wa bona go ya Union Buildings kwa Pretoria go ipelaetsa kgatlhanong le melao ya dipasa. Melao eno e ne e pateletsa maAfrika otlhe a a fetang dingwaga di le somethataro go tshola dibukana tsa pasa. Go retelelwa ke go dira seno go ne go ka baka go tshwarwa, katlholelo go ya kgolegelong kgotsa tuelo-kotlhao.
Pele ga bo-1950, banna ba bantsho ba ne ba tshwanetse go tshola dipasa gore ba tsamae kwa dikgaolong tsa mafelo-setoropong, fela ke batho ba ba neng ba ka kgona go bona ditiro ba ba neng ba newa dipasa. Seno se ne se letla mmuso wa tlhaolele go ka laola thologelo ya banna ba bantsho mo ditoropo-kgolong. Fa mongwe a ka fitlhelwa a sena pasa, ba ne ba ka tshwarwa, ba golegwa kgotsa ba duediswa. Molao wa pasa e ne e le mongwe wa melao ya tlhaolele e e tlhoilweng go gaisa. Ka 1952, puso e ne ya dira gore basadi ba bantsho le bona ba tshole dipasa fela seno se ne sa ganwa ka mafolofolo.
Ka di 9 Phatwe 1952, basadi ba ba fetang 20 000 ba ne ba gwantela kwa Union Buildings kwa Pretoria go ipelaetsa kgatlhanong le melao ya dipasa. Basadi ba mebala yotlhe le ditso tsotlhe ba ne ba phuthega mme mmogo ba gwantela ditshwanelo tsa bona le ditshwanelo tsa batho ba mmala. Nelson Mandela o kopane le setlhopha sa basadi ba e eneng e le karolo ya mogwanto go bua le bona le go ba nea tshegetso ya gagwe. Gotswa mo mogwantong ono, mafoko a a tumileng a ne a tlhagelela “Fa o betsa mosadi, o betsa lejwe!”.

“Fa lehuma le sa ntse le le teng, ga gona kgololosego ya nnete.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more