Madiba le Mothusi wa Gagwe Zelda La Grange

© Dr Peter Magubane
Madiba le mothusi wa gagwe Zelda la Grange morago ga kopano ya bobegadikgang kwa Nelson Mandela Foundation.
Zelda la Grange o belegwe ka motsi wa Afrika Borwa ya tlhaolele. Morago ga go fetsa dithuto tsa gagwe tse kgolwane o ne a batla tiro mo kantorong ya tautona ya ntlha ya temokrasi. O ne a tlhophiwa ke Mandela ka sebele ka 1999 go tswelela go mo direla morago ga go latlhela seditse. O nêilwe dikabô ke mekgatlho e le mmalwa ka ntlha ya boinêêlô le tirelo ya gagwe go moswi Nelson Mandela.
Ka Seetebosigo 19 2014 o ne a gatisa buka ya tsa botshelo jwa gagwe e gotweng “Good Morning, Mr Mandela” mme ka Sedimonthole 2014 buka ya gagwe e ne ya begwa fa e le ’E E Rekisitseng Go Gaisa Ya Ngwaga’ mo Afrika Borwa le ka 2015 kwa Brazil. Ga jaana o dira jaaka Morotloetsi wa First for Women Foundation. O tswelela go kgothatsa batho ka dipuo tsa thotloetsô a arogana ka ga maitemogêlô a botshelo jwa gagwe.

“Ke tlhokometse ka lorato kakanyo ya setšhaba sa temokrasi se se gololosegileng mo go sona botlhe ba tshelang mmogo ka kutlwano le ditshono tse di lekalekanang. Ke kakanyo e ke solofelang ke tla e tshela le go e fitlhelela. Fela fa go tlhokega, ke kakanyo e ke ipaakanyeditseng go e swela.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - The Mandela Legacy

Mandela o abelwa Lokwalo lwa Tlotlomatsô lwa Bongaka kwa University of Witwatersrand kwa Johannesburg....more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more