Jalô ya Diterebe

© Johannes Mellet Wineland
Soak rootstocks in water for 24 hours before planting.
Merara gantsi e jalwa kwa bokhutlong jwa mariga mo gare ga Phukwi le Phatwe. Mo dikgaolong tse segagane se tlhagelelang gona thari kgotsa tse mmu o leng metsi thata morago ga dipula, e tshwanetse go jalwa tharinyana. Fa go kgonega, dipala le megala ya thulaganyo ya trellis di tshwanetse tsa bo di setse di baakantswe. Merara e tseiwa kwa moleming ka nako e e rileng mme e tshwanetse go bolokiwa mo go rurufetseng e le bongôla go efoga komelelô. E ka bolokiwa ka fa tlase ga motlhaba o o bongôla mo moriting wa kagô kgotsa mo setsidifatsing. Go botlhokwa gore merara e tshwariwe sentle pele ga jalô.
Ke mokgwa o o siameng go inela merara mo metsing gore e nne bongôla pele e ka jalwa. Merara e e lekaneng e isiwa kwa tshimông go jalwa fa e e salang e bolokiwa ka fa tlase ga maemô a a metsi kgotsa mo metsing. Fa medi le matlhogela a le maleele thata, a ka khutswafadiwa go se nene. Mesima ya jalô e e bophara bo ka nnang 30 x 30 cm le boteng jo bo bonnye jwa 30 cm e epiwa mo mmung o o bongôla o o repileng. Fa go tlhokega, boalô bo ka repisiwa ka foroko go rotloetsa tsenelelô ya medi.
Seresemela se se tshôtetsweng sentle sa boleng jo bo kwa godimo se humile ka monontsha kgotsa mmutele se tsenyiwa mo mesimeng go oketsa tlhokakhabone ya mmu le go tlhagisa microbes tsa mmu. Merara e tshwanetse go jalwa makopanelo a dikalana a le 5 cm fa godimo ga boalô jwa mmu mme medi e lebile kwa tlase e phatlhaleditswe. Medi ga ya tshwanela go lebelela yotlhe golô go le gongwe – kana J-roots.
Morago ga seno, mosima wa jalô o tlatsiwa halofo ka mmu o o repileng mme o gatelelwe gole go nnye, o tlalelediwe mme o gatelelwe gape. Morago ga jalo, merara e tshwanetse go nosetswe sentle gore mmu o khurumetse medi sentle.

Translated by Nchema Rapoo