Flap-neck Chameleon
Lelobu la Flap-neck Chameleon

© Nigel Dennis

Leina

Lelobu la Flap-neck Chameleon [Chamaeleo dilepis]

Distatistik tsa botlhokwa

Mophato - Reptilia
Tlhamagano - Squamata
Lelapa - Chamaeleonidae
Mophato wa dibopiwa - A number of sub-species have been described across its range
Botelele (Namagadi) - 120 - 140 mm
Botelele (Tona) - 120 - 140 mm

Ponalo

Flap-neck ke lelobu le le golo, ka mola ‘crest’ wa di-tubeclicles tse dinnye, tse di-kgutlotharo tse di elelang fa kgokgotsong le mmpa ya yone. Mmala wa yone a ka farologana, go tswa go bosetlhana ba mmala wa lephutse go ya go mefuta ya botala le borokwa. Mmpa yone e bosweu, mme gantsi o ka bona mothalo o mosetlha kwa matlhakoreng.

Phatlhalatso

Gantsi e bonwa kwa mafelong a a mogote a a nang le di pula tse dintsi mono Afrika (tropical africa), Kwa-Zulu Natal, Mpumalanga, Northern Province, Bokone le Botlhaba jwa Botswana, go fitlha kwa Northern Cape le Bokone jwa Namibia.

Dijo

Lelobu la Flap-neck Chameleon le ja ditshenekegi, bogolosetonna ditsie, le di dikhukhwane.

Tsalo

Mae a tsaya sebaka sa dikgwedi dile 3-4 gore a gole. E namagadi e a tota ka mae a mannye a ka nna 25-50. O tla a beela ka selomo. Mae ao a ka tsaya sebaka sa malatsi a le 377 go thubega.

Di-Field Notes

Go bona pharologano ya bong jwa lelobu la Flap-neck go bonolo ka ga e tona e na le bophara kwa mogatleng, mme e na le ditlhoko tse dimutsu(spurs) tse di golang kwa morago ga maoto a kwa morago.