Disenyi tsa Terebe

© Prof Piet Goussard Winetech
Mealy bug damage in Chardonnay. Note the damage on leaves.

Tshobokanyo

Disenyi tsa merara ya diterebe tse di senyang thata ke mealybugs tsa morara, khukhwana ya sefene le ditshoswane. Disenyi tseno di na le botsalano mmogo jo bo bapileng thata ka gonne taolo ya khemikhale ya se sengwe e ka bolaya baba ba tlhago ba se sengwe. Disenyi tseno ka jalo di tshwanetse go laolwa mmogo.
Disenyi di le mmalwa di tlholega mo merareng mme ditshenekegi tse di latelang e ka nna bothata ka nako dingwe:
Phylloxera
Nematodes
Margarodes kgotsa ground pearls
Mealy bugs tsa merara
Ditshoswane
Dikhukhwana tsa sefene
Motlhwa wa lekukunya
Motlhwa wa matlhare
Dikgopa
Ditsie tsa manaka-telele

Phylloxera

Phylloxera ke tshitshiri e nnye e e tshelang mo mmung mme e iphepa ka medi ya merara. E matlhagatlhaga thata ka Lwetse go ya go Motsheganong. Ka fa tlase ga maemo a a rileng, e ka iphepa gape ka matlhare mme e bonagala jaaka totoma ka fa tlase ga letlhare. Go epolola le go sekaseka medi ya merara e e bokoa go ka senola ditshenekegi tse di serolwana mo dikarolwaneng tse di senyegileng tsa medi. Phylloxera e nna teng gantsi mo mebung e e bokete mme merara e e sa tsenywang matlhogela e tsenelelwa bonolo ke sesinye seno. Merara e e sa tsenywang matlhogela ke merara e e golang ka medi ya yona. Mokgwa o o tlwaelegileng wa go laola ke go dirisa medijalô e e itshokelanang jaaka Ramsey.

Nematode

©Hans Hugo Winetech
Nematode damage on the root of a cover crop.
Nematodes di di nnye thata mme di senya thulaganyo ya medi ya merara. Nematodes tse dingwe di tshela ka fa gare ga modi mme di ka baka go bofagana ga modi, fa tse dingwe di tshela fela mo mmung mme di tlhasela medi go tswa kwa ntle. Taolo ka khemikhale ya nematodes e tshwanetse go lejwa fela morago ga tshekatsheko ya mmu le medi mme e tshwanetse go ka diriswa ka fa go kailweng. Jaaka ka phylloxera, medijalô e e itshokelanang le nematode e ka diriswa. Dijalô-khurumetsa tse di rileng jaaka African marigolds le oilseed radish (Raphanus sativus subsp. Oleiferus) di na le mokgwa wa go fokotsa palo ya di nematode. Dibolayadisenyi tsa nematode gantsi di botlhole thata mme di tshwanetse go tshwarwa le go diriswa ka kelotlhoko mme ka fa tlase ga tlhokomelo ka metlha yotlhe.

Translated By Sibongile Sonopo