Winnie Mandela Mokgaratlhi o o Ikemetseng ka Nosi

Maatla a go Tshwanetseng a Tsewa Tsia

©Dr Peter Magubane

Go nyalwa le mongwe wa baganetsi ba ba itsegeng thata ba Tlhaolele go ne go se bonolo. Monna wa Winnie Mandela, Nelson, o ne a nna a tshwaregile mo kgwebong ya ANC, ditlhabano tsa semolao le legae la bone le ne le phuruphutshwa ka metlha ke sepodisi. Winnie o ne a tshwaragane le kgaratlhelo ya gagwe le ena, le fa a ne a le moimana.

Ka 1958 o ne a na le seabe mo makokong a kgatlhanong le molao wa dibuka tsa boiketsesi go latela Mogwanto wa Basadi o o itsegeng thata wa Phatwe 1996 ba ba neng ba ganetsana le melao eo. E ne e le mongwe wa basadi ba le 1 000 ba ba neng ba tshwerwe.

Ene le ba bangwe ba sweditse go nna nna ba tlhatlhetswe dibeke di le pedi mo boemong jwa go dira kopo ya beile ka bonako. E ne e le fa a neng a lebana le maemo a boitshegang a dikgolegelo tsa Aforika Borwa. Morago fa a sena go gololwa setšhaba le sepodisi ba ne ba tlile go itse ka ga ene jaaka maatla a a tshwanetseng go tsewa tsia a ikemetse ka nosi kwa ntle le monna wa gagwe o tumileng.

Morago ga nako e e seng telele a latlhegelwa ke tiro ya gagwe kwa Bookelong ba Baragwanath. Morwadie le Nelson, Zenani, o belegwe ka 1959 go latela tiragalo e.

Winnie Le Ditsala Tota

©Eric Miller

Winnie Mandela o ne a ngoka thotloetso le tshegetso go tswa go basadi ba bangwe ba gakgamatsang ba ba neng ba thusa mo kgaratlhong kgatlhanong le puso ya tlhaolele. Bangwe tba basadi e ne e le batho ba ba tshwanang le Lillian Ngoyi, Helen Joseph, Albertina Sisulu, Florence Matomela, Frances Baard, Kate Molale, Ruth Mompati, Hilda Bernstein le Ruth First.

Basadi ba ba ne ba nna ditsala tota tsa Winnie tse di neng di tshepiwa, sengwe se se neng se kgethegileng ka nako eo. Gantsi thata ba ba neng ba itsalanya le bakgaratlhi ba sepolotiki jaaka Winnie morago ba ne ba supiwa e le bompimpi ba puso. Go ne go le thata go ena go tshepa batho. Bothata bo tlhageletse magareng ga Winnie le ba lelapa la gagwe gae kwa Transkei morago ga Molao wa Puso ya Bantsho o ne wa tlhagisiwa ka 1951.

Motlhankedimogolo Kaizer Matanzima, mongwe wa yo o neng a batla go nyala Winnie e bile e le mothapi wa rraagwe, o ne a ema le puso mo go tshegetseng molao. Tshwetso e ne ya ganetswa ke setlhopha sa kganetso sa Mapondo se se bidiwang Intaba, yo a neng a phuruphutsha legae la Winnie mo bosigong bongwe, ba betsa mmangwanagwe mo go maswe le go fisa ya ntlo ya bojang lore.

Tlhaselo e feleditse mo go sweng bogatsu go tswa mo lethekeng ga mosadi yo o neng a tlhaselwa yo o neng a amogela Winnie yo o senang mme jaaka wa gagwe dingwaga tse di fa pele. O tlhokafetse ka bonako fela morago ga se. Rragwwe Winnie o tsweletse go tshegetsa Matanzima, le go dira mo maemong a kabinete kwa nagalegaeng ya Transkei.

Winnie o bone se jaaka jaaka keko e e boitshegang mo karolong ya ga rraagwe ka ge a mo bona jaaka o o tsayang letlhakore la bagateledi. Kgotlhang e ne ya gagola lelapa mo bogareng.

Translated by Lawrence Ndou

Boswa jwa Albertina Sisulu

Albertina Sisulu, yo a bidiwang ka lerato gore Mmaagwe Setšhaba kgotsa Ma Sisulu, o itsege thata ka go nna Moaforika Borwa mokgaratshi kgat...more

Winnie Mandela a Iletswa le go Tlhorontshwa

1960 le 1961 di tlisitse boitumelo go Winnie ka botsalo jwa ngwana wa gagwe wa bobedi, Zindziswa, le tshwetso ya monna wa gagwe, Nelson Mand...more