Boswa jwa Albertina Sisulu

©Eric Miller

Albertina Sisulu, yo a bidiwang ka lerato gore Mmaagwe Setšhaba kgotsa Ma Sisulu, o itsege thata ka go nna Moaforika Borwa mokgaratshi kgatlhanong le tlhaolele le mosadi wa mokgaratshi ka ena, Walter Sisulu. O itsege ka bokgoni ba gagwe ba boeteledipelele le maatla a bomme ao a mo tsereng go tswa a masimololong a a boikokobetso kwa Transkei go nna mongwe wa baganka ba ba tlotlegang le go nna le tlhotlheletso thata mo Aforika Borwa.

A tswelela ka tlhago ya go nna a didimetse jwa gagwe le go ikokobetsa mme a tswelela pele go ka boganka le go nonofa mo tsamaong ya dingwaga tsa tlhorontsho go mo dira mosadi o o kgethegileng o a tshwanelang ke go ketekwa.

Moporesidente Jacob Zuma o mo tlhalositse jaaka ‘pilara ya maatla e seng fela mo lelapeng la Sisulu, mme gapeya mokgatlho wa kgololosego o otlhe, ka fa a godisitse, a gakolola, a tataisa le go ruta bontsi jwa baeteledipele le basimolodi ba temokerasi mo Aforika Borwa’. Sisulu o kile a fetisa kgopolo ya go nna morutabana o a kileng a mo bolelela gore; “Maitsholo a gago ke morutabana yo o gaisang botlhe.

E maatla go feta sengwe le sengwe se o se buang”. Go ya ka maitsholo a Sisulu, ga go makatse go utlwa gore mafoko a a ne a mo rotloetsa. Boswa jwa gagwe bo ikaegile mo ditlamorago tsa nako e telele ya kgaratlho e thata. O tshwere maemo a a kgethegileng a tlotla mo baeteledipeleng ba Aforika Borwa. Kwa pele tsa kgaratlho, ena le ba lelapa la gagwe ba ne ba tlhorontshwa mo diatleng tsa puso ya bosemorafe ya tlhaolele.

Fa gare ga tsona tsotlhe o nnile boikanyego mme a gana go tshosetswa, a nna a tlhomame mo tseleng ya gagwe ya naga e e gololesegileng e senang bosemorafe. “Leka jaaka ba ka dira, ba ne ba ka robe mowa wa gagwe, ba ne ba ka se mo dire gore a nne le letlhoo, ba ne ba ka se fenye lerato la gagwe”, go rile Mobišopomogolo Desmond Tutu” ka ga gagwe.

Albertina Sisulu - Go Tlotlwa ka ntlha ya Dingwaga tsa Tirelo

Albertina Sisulu ke nngwe ditshwantsho tse di tlotlegang mo hisetoring ya Aforika Borwa. O amogetse palo ya ditlotla tsa tirelo le boineelo ...more

Albertina Sisulu - Mme wa Setšhaba

Morago ga gore Albertina a nyalane le Walter o ne a ineetswe mo tlase ga lorato lwa sepolotiki. Fa a ne a ya go iphitlha go nna tlhogo ya Um...more

Albertina le Walter Sisulu - Tswana

Albertina Thethiwe o kopane lwa ntlha le Walter Sisulu fa a ne a dira kwa Bookelong jwa Kakaretso kwa Johannesburg ka 1941. O ne a le mokgar...more

Albertina Sisulu - Go Direla Afrika Borwa e e Lokologileng

Albertina Sisulu o ne a sa amega mo dipolotiking go fitlha fa a kopana le Walter ka 1941. Le fa go le jalo, o ne a tsenela dikopano jaaka ts...more

Albertina Sisulu - Ditiro tsa Tlaleletsa tsa Sepolotiki

Fa a sena go aloga go tswa sekolong sa kwa godimo, Albertina Sisulu o ne a ikatisa go nna mooki. Ka 1940 o simolotse go dira kwa Bookelong j...more

Albertina Sisulu - Botshelo jwa Mogaka

O belegetswe go Bonilizwe le Monikazi Thethiwe ka di 21 Diphalane 1918 kwa kgaolong ya Tsomo kwa Transkei, Nontsikelelo Thethiwe e ne e le n...more