Albertina Sisulu - Botshelo jwa Mogaka

Nontsikelelo o a Belegwa

©Eric Miller

O belegetswe go Bonilizwe le Monikazi Thethiwe ka di 21 Diphalane 1918 kwa kgaolong ya Tsomo kwa Transkei, Nontsikelelo Thethiwe e ne e le ngwana wa bobedi wa ba le batlhano. Mmaagwe o ne a tlhola a lwala mme a le bokowa morago ga go falola Mokgotlhane wa Masepeini, mme gantsi Nontsikelelo o ne a tshwanelwa ke go tlhokomela bommonawe ba bannye.

Fa a ne a le dingwaga di le 11 rraagwe o ne a tlhokafala mme ka nako eo a neng a le dingwaga di le15 mmagwe le ena o ne a tlhokafala, mme o ne a mo tlogela go tsaya karolo ya bomme ya leruri a tlamela bommonawe ba bannye ba le bararo. O ne a amogela leina la Albertina fa a simolola sekolo kwa Xolobe. Ka nako e a neng a fitlheletseng mafelo a sekolo sa ba bannye o ne a le dingwaga di le pedi go feta botlhe mo paphosing ya bona ka ntlha ya gagwe ya go nna a se teng.

Le fa go le jalo, a ntsha ga tshwene mo ditirong tsa setso le metshameko mme e bile o ne a tlhophiwa jaaka mosetsana wa tlhogo. Nako fela fa dingwaga tsa gagwe di neng tsa dira kgatlhanong le ena ke fa a ne a ne a ganelwa sa sekolašipi sa dingwaga di le nne, le fa e le gore o fitlheletse maemo a ntlha mo kgaisanong ya go se fenya.

Barutabana ba ga Albertina ba ne ba galefisiwa ka tshwaro e e sokameng mma ba kwala kwa kuranteng ya Sethosa, Imvo Zabantsundu, ka tsholofelo ya go dira kgetsi e e tiileng ya go fenya kabelo.

Lekwalo le ne la gapa tlhokomelo ya ntlo selegae ya Boromiwa ba Katoliki ya Maroma ba ba buileng le Kholetšhe ya Rre Bernard Huss kwa Mariazell. Ka jalo Albertina o ne a neelwa sekolašipi sa dingwaga di le nne kwa Mariazell mme motse wa gagwe otlhe o ne wa keteka. Maemo mo nageng a ne a kaya gore bana ba le bantsi ba ne ba sa neelwe tšhono ya thuto.

Morwaragwe o mogolo o ne a sa tsena sekolo. Go na le moo, o ne a tshwanelwa ke go tlhokomela diruiwa mme a direla dijo tsa lelapa.

Go Dira jaaka Mooki

Kwa bokhutlong jwa sekolo se se kwa godimo Albertina o ne e a lebagane le tshwetso ya gore ke eng se a tla se dira gape. Toro ya gagwe e ne e le go nna morutabana, mme amaemo a ne a sa dumele gore se se diragale. O ne a tshwanelwa ke go fetogela go Bokatolika fa a ne a le kwa Mariazell mme, le go rarabolola go nna o sa nyalwe, o ne a swetsa go nna moitlami.


Ka fa tlase ga bogakolodi ba ga Rre Huss, o lemogile gore go nna moitlami go tla dira gore go nne bokete go tlamela ba lelapa la gagwe. Baitlami ga ba amogela tuelo e bile tlogele ga ba tlogele tiro ya bona ya boromiwa. Se se tlaa raya gore Albertina o ne a ka se kgone go thusa lelapa la gagwe ka madi kgotsa ba bona fa ba mo tlhoka. Ka jalo o ne a swetsa go nna mooki bogolo.


Ka madi a a neng a a bonwa fa a ntse a le kwa katisong mme a dira jaaka mooki a mo thusitse go tlhokomela barwarragwe le kgaitsadie, a ba tsenya sekolo. O simolotse katiso ka Bookelong ba Kakaretso kwa Johannesburg ka 1940 mme o simolotse jaaka mmelegisi ka 1946. Gantsi o ne a tshwanela ke go tsamaya ka dinao go etela balwetsi kwa metsesetoropong, a rwale didiriswa le didiriso ka sutukheisi mo tlhogong.


E ne e le fa a dira jaaka mooki mo Albertina a kopaneng le o a tla nnang monna wa gagwe, Walter Sisulu. Jaaka tokololo ya African National Congress (ANC) e leng mongwe wa bakaedi ba peleng ba ga Nelson Mandela, Walter o ne a na le seabe se se tseneletseng sa dipolotiki mme ka bonako Albertina o ne gogelwa mo kgaratlhong ya sepolotiki.


O ne a thusa ka tshenyong ya puso ya tlhaolele, a tshwere tlhogo ya gagwe go ralala dingwagasome tsa tlhorontsho ke puso, go romelwa kgolegelong le mathata. O ne a itsewe ka lerato jaaka ‘Mmaagwe Setšhaba’.

Difolaga di Fofa ka Bontlhanngwe

Albertina Sisulu o fitlheletse kwa bokhutlo jwa botshelo jwa gagwe ka 2 Seetebosigo 2011 ka dingwaga tse 92. O ne a le kwa legaeng la gagwe kwa Linden, Johannesburg a lebeletse thelebišene le batlogolo ba gagwe fa a ne a lwala ka tshoganyetso. Badiri ba kalafi ya potlalko ba sianela kwa lefelong la tiragalo, mme ba ne ba sa kgone go mo tsosolosa.

Moporesitente wa metlheng wa Aforika Borwa, Jacob Zuma, o ne a etela ba lelapa la gagwe go isa tlotlo. O ne a dira kitsiso ya gore o tla amogela phitlho ya puso ya bosetšhaba mme difolaga di tla fofa ka bonntlhanngwe go tloga ka 4 Seetebosigo go fitlha letsatsi la phitlho ya gagwe. Albertina o siya bana ba gagwe, Max, Mlungisi, Zwelakhe, Lindiwe le Nonkululeko gammogo le ditlogolo tsa gagwe di le ditlogotlogolwana tse tharo.

Translated by Lawrence Ndou

Nelson Mandela and South Africa's Famous Ladies Luncheon by Raymond Louw

Lebaka le Tautona Mandela a le fileng mabapi le go laletsa basadi bano – ebile e ne e le kakanyo ya gagwe ka boene – e ne e le kgwetlho ...more