White Rhino
Tshukudu e Tshweu

© Roger de la Harpe

Leina

Tshukudu e Tshweu kgotsa White/Square-lipped Rhinoceros (Ceratotherium simum)

Ponalo

Tshukudu e tshweu ke engwe ya dimamale tse itona mo lefatsheng ka semeto. Ka botona bo bo gakgamatsang Ga e Makgakga jaaka Tshukudu e ntsho. Manaka a a yone ke fiber e e pitlagantsweng ka jaalo manaka ao ga se manaka. Record ya botelele ba manaka a ke 1.58m Poo e ka nna bokete ba 200kg mme e tona mo e namagadi ka yone e ka nna bokete ba 1800kg.
Poo e ka nna 1.8m ka botelele kwa magetleng. Letlalo la yone le borethe mme o kare ga le na bobowa ga o le lebeletse. Molomo wa yone o sephara. Tshukudu e tshweu e na le retota mo molaleng. Lepele la yone le supa kwa morago fa di-testes tsa yone dile ko dimpeng.

Dijo

Tshukudu ga e je dijo tse dingwe mme e a fula fela. E ithatela ditlhaga ee khutswane mme a ka ja le tlhaga a talle fa e khutswane e s bonale. Molomo wa yone o sephara o thusa go fula bonolo le ka bontsi.

Breeding

Le ga e le gore tsalo e ntsi e diragala ka selemo sa dipula. Phologolo e e ka tsala ka nako ngwe le ngwe. E ima dikgwedi dile 16 ere morago e tsale namane ele esi. E tla nna le mma yone dingwaga dile 2-3 go fitlhela a tsala gape. Tse di namagadi di ka simolola go tsala fa di na le mengwaga ele 8, fa dipoo tsone di ka tsala morago ga dingwaga dile 10-12. Thabalano ya tsone e ka tsaya diura dile mmalwa.

Mekgwa

Tshukudu e e kgona go taboga ka lebelo lel le makatsang le ga e na le maoto a makhutswane. Dipoo tse di matla di ka itsela mafela a lekana le 2-5kilometers. GO ntseng jaalo go ka nna le dipoo tse dingwe tse di nnang le yone mo lefatsheng leo. Poo e ka leka go tsenya e namagadi mo lefelong la yone mme fa e batla go mata le yone e ikopantse le you malatsi a le 5-10 pele di go ka nna le thobalano.

Di ka bonwa kwa kae

Bogologolo di ne di tletse mo dikgweng tsotlhe tsa Afrika Borwa. Ka 19th century batsumi ba bile ba di fetsa kwa Umfolozi ko KZN. Go ne jaanon dintse di busetsiwa kwa mafelong a tsone mme di santse sokodisiwa ke go tsomiwa.

Field notes

Tshukudu e ntsho e ngwe ya diphologolo tsa “The Big 5” fela ka gore ga di sa bonala ka bontsi go setse go beilwe Tshukudu e tsweu mo lefelong la yone mo tourism industry ya Afrika. Ga go na pharologanyo epe ka mmala wa Tshukudu e tsweu le e ntsho. Leina le White le tserwe ka lefokong la se dutch eleng “wyd” mme le raya gore bophara ba molomo wa yone. Tshukudu e tsweu e kgolwane mogo e ntsho.