Tshwarô ya Dipodi

©Marinda Louw
Dipodi di tlhoka go ka tshwarwa ka ditiro tse di jaaka go entwa, go ntshwa seboko, go fokotsa tlhakwana le go tlhaolwa. Kgobokanô ya masaka a a dirang e tlile go fokotsa kgatelelô le bokotsi go diphologolo le morui. Masakana le ditlamêlô tsa tshwaro di letla tshwaro e e bonolo ya dipodi, go na le go leka go dira ka tsona mo kampeng e kgolo.
Dipodi di botlhale mme di ka nna thata go tshwarwa go na le dikgomo le dinku fa go diriswa didiriswa tsa tshwarô. Ga di ‘elele’ bonolo jalo, mme di na le go gatelelwa ke maikutlo ka bonako. Fa di tshogile, di ka patagana mmogo mo sekhutlhwaneng kgotsa tsa rapalala le go tepa, fela gape di ka nna mafega go tse dingwe.
Selo se se golo go ka se akanyetsa fa o tshwara dipodi ke go di diga makgwafo le go thibela dikgobalo. Dira ka dipodi tsa gago ka go repa le ka tidimalo, o seke wa di pateletsa kgotsa wa di tshwaratshwara. Ga go a letlelelwa go digwa, go latlhelwa le go gogagogiwa ga dipodi kgotsa go gogwa ga dipodi ka boboa, mogatla, ditsebe, maoto, tlhogo kgotsa molala.
Fa o tshwara dipodi, o tlhoka go tlhaloganya maitsholo a tsona a tlhagô. Sekai, di rata go tsamaela kwa leseding go na le kwa lefifing. Ga di rate go tsena mo dikagong tse di lefifi mme di kgoreletswa bonolo ke modumo. Dipodi di rata go sela morago moeteledipele mme fa di le mo lesakeng, di na le go tsamaya ka go dikologa motshwari.
Dipodi gape di rata go dula le marele, mme di tla tsamaya ka ditlhopha tsa selolapa, mme dinamagadi tsa segolwane di tsamaya pele. Go di kgaoganya go tlile go baka kgatelelô-maikutlo. Di ka nna mafega fa di kganetswe mo lefelong le le lengwe le fa di le mo kgatelelông ya maikutlo. Seno se ka baka gore di tlole le go batla diphatlha tsa go ngwega. Nna kêlôtlhôkô fa o tshwara diphôkô, ka ge phôkô e e hutsafetseng e ka baka dikgobalo go wena le go diphologolong tsa gago.
Leruo ga le rate go gapiwa mo lefifing mme di tsiboga bonolo fa motho a ema fa morago ga legetla la tsona, fela a santse a le mo ponong ya tsona. Go dira gore dipodi di fologelele ka tselana (mosele o mo sesane kgotsa mosele o o kgokologang, sekai, jaaka gaufi le lefelo le go laisetswang mo go lona), taboga, fa thoko ga tselana goya ntlheng e e fapaanang le e dipodi di yang kwa go yona; seno se tlile go dira gore di tsamaele kwa pele go namelela tselana.

Tsela ya go Tshwara Podi

©Marinda Louw
Go tshwara podi, eya kwa letlhakoreng la yona ka situ mme o e tshware ka thitô ya dinaka kgotsa fa godimo mo leotong la kwa morago, eseng fa ‘lenyenaneng’. Tshwara podi e potlana ka letsogo le le lengwe fa pele ga maoto a kwa pele, mme letsogo le le lengwe fa morago ga maoto a kwa morago. Dipodi ga di a tshwanela go ka gogwa ka maoto a tsona, megatla ya tsona ga e a tshwanela go ka kukwa kgotsa go ka sokeletswa, mme ga di a tshwanela go ka tsamaiswa ka go tshwarwa fela dinaka, tsebe kgotsa mogatla.
Fa o tlhoka go tshwara podi, tshwara thitô ya dinaka mme eseng dintlhana. Podi e tshwanetse go tshwarwa ka seatla se le sengwe kgotsa ka letsogo ka fa tlase ga molala mme le lengwe fa pele. Fa podi e ‘pitikololwa’ gore mpa ya yona e tlhatlhobiwe, ditlhakwana di pomiwe kgotsa boboa bo segwe, kuka maoto a yona a molema pele. Mala a tla dikologela kwa molemeng mme seno se tla fokotsa tiragalo e e sewelo ya ‘lela le le sokeletseng’. (Fa o leba gotswa mo mogatleng wa podi, e tshwanetse go dikologela kwa ntlheng ya moja.)
Fa podi e emiswa gape ka maoto gotswa mo maemong a go ‘dula fatshe’, e tshwanetse go ka dikoloswa gore maoto a yona a molema a kgome lefatshe pele. O seke wa goga phologolo ka maoto ka motsi ope, dirisa prodder kgotsa di betse mo sefatlhegong.

Tshwarô ya Dipodi kwa Tshimong

Mo ditshimong tse kgolo, dintša (tse di dirang kgakajana le leruo) di mosola thata. Dipodi di tlile go ngaparêlana le go simolola go tsamaya fela fa di se na go lemoga ntša. Gantsi, seno se kaya gore di tsamaela ka bonako mo monamelelong.
Dipodi ka gale di tlile go tsamaela ka bonako fa di namelela go na le fa di fologelela. Go thata go ka tsamaisa marele a magolo mo mekgokologong, segolo thata fa go na le dipotsane kgotsa dikgweswa. Di na le go tswa mo tseleng go tsena mo letlhakoreng la mokgokologo. Di tsamaise ka bonya fa dikgokologa.
Go tshwanetse go diriswa fela dithobane tse di nang le sailê kgotsa mabanta a a phaphaselang go ka gapa diphologolo. Itaya lefatshe gona le gore o itaye phologolo ka tlhamalalô. Diphologolo tse di gatang ka tlhakwana di tshwanetse go gapiwa ka lobelo lo lo iketlileng, mme eseng ka lobelo lo lo fetang la phologolo e e bonya go di gaisa tsotlhe, mme eseng sekgala se se fetang 20km (mo tsatsing lantlha) mme eseng go feta 15km mo malatsing a a latelang.

Tsamaiso ya Dipodi ka Sepalangwa

Dipodi di tshwanetse go fitlhela dijo tse di foreshe le metsi ka gangwe pele le morago ga go tsamaiswa ka sepalangwa. Jaaka dipodi di nna bokgwabo, itharabologelo ya tsona morago ga go tsamaiswa e tlile go tokafala. Ka nako dingwe dipodi di ka tepa le go sa je morago ga go tsamaiswa. Dipodi tse di tlhokang go ka tsamaiswa sekgala se se telele di tlhoka go nna seêmông a a siameng.
Dipalangwa tsa tsamaiso ya dipodi di tshwanetse go nna le bodilo jo bo sa theleleng (le boalô jo bo jaaka manyakgong kgotsa lotlhaka), matlhakore a a boleele jo bo fetang 750 mm, ka pulelomowa le lesedi. Dipalangwa ga di a tshwanela go ka tswalelwa gotlhelele. Lori e tshwanetse go ka apeswa ka tarpaulin go sireletsa diphologolo kgatlhanong le phefo le pula, fela go tshwanetse ga nna le pulelomowa e e lekaneng. O seke wa emisa lori sebaka se se fetang ura ntle le go rebola moriti kgotsa pulelomowa.

Go botlhokwa go ka kgaoganya dipodi ka ditlhotswana mo loring go thibela dikgobalo le khupelo. Kgaoganya diphologolo tse di dinaka le tse di senang manaka, tsa tona le tsa namagadi mmogo le tse kgolo le tse potlana go thibela dikgobalo.
Diphologolo tse di foufetseng di tshwanetse go ka tshwaiwa ka go bonala ka tshekeletsa e e mebala go dikologa leitlho le le sa boneng gape le mo karolong e e fa godimo ga dirope ka bobedi tsa phologolo. Di tshwanetse go ka gapiwa ka go kgaogana le tse dingwe.
Tsamaiso ka sepalangwa le kgatelelô-maikutlo di ka upolola mathata a boitekanelo a a neng a sa bonwe. Dipodi di ka nna le matshwao a ditshwaetsego tsa khemo le pneumonia kgotsa metlhampepe ka ntlha ya kgatelelô-maikutlo ka motsi wa go tshwarwa.
Fa o di pagolola, netefatsa fa o dirisa mmotwana o o sa theleleng mme o tlamele metsi le dijo tse di foreshe ka bonako jo bo kgonagalang. Dipodi ga di a tshwanela go ka digwa kgotsa go tlola gotswa mo sepalangweng gotswa kwa bogodimong jo bo fetang 1.5m.

Translated by Nchema Rapoo