Tshupô ya Tshwene

©Nigel Dennis
Ditshwene tsa Chacma, Papio Ursunis, ga se gantsi di rwala maikarabelô a tatlhegelô ya leruo, fela mephato e ka baka ditshenyô tse di feteletseng mo ditshimong tsa morara, merogo le tsa maungo. Di teng kwa dikgaolong tse di farologaneng go ralala Afrika Borwa, ntle fela le kwa Namaqualand Sandveld, kwa go nang le lefelo-boiphitlho la bosigo le le nnye.
Di tlwaetse sentle ditikologo tse di fetofetotsweng ke batho, mo batho ba fepang ditshwene go gatelela kamano ya batho le dijo, gape le go bega moono o o beyang ditshwene kwa godimo ga batho, ka ge ditshwene tse di dikgoka gantsi di tseela tse di seng dikgoka dijo.
Ditshwene di na le sefene se se tshwanang le sa ntša, mme di mmala o mosetlha mo mmeleng otlhe goya go mmala o o ratileng go nna bontsho kgotsa bosetlha- borokwa, ka matlhakore a molala a mantsho le boboa jo bontsho mo diatleng le dinaong tsa tsona. Ke ditshwene tse kgolo. Goya ka the Predation Management Manual, ditona di meta boleele jwa 120 cm goya go 160 cm, bokete kwa 25 kg goya go 45 kg, mme di na le meno a a bogale jwa legare, ka moêtse o o fifetseng mo molaleng le magetleng. Megatla ya tsona e ka nna boleele jwa go fitlha go 86 cm. Ditshegadi di boleele jwa 100 cm goya go 120 cm ka bokete jwa 12 kg goya go 20 kg. Megatla ya tsona e meta magareng ga 50 cm le 60 cm.
Ditshwene di nna mo seêmông sa tsadisano fa di le dingwaga di ka nna tlhano, mme di tsadisana ngwaga otlhe. Paka ya go dusa ke dikgwedi di le thataro mme ditshwenyane di kgweswa fa di le dikgwedi di le thataro, fela di tla dula di ikaegile ka bommatsona go bona tshireletso go fitlha fa di le bogolo jo bo ka nnang dingwaga di le pedi. Borre ba bobabaledi go gaisa go bana ba bona mme gangwe le gape ba tla sala ba tlhokometse bana fa bommaabona ba tsoma.
Ditona tse di setseng di godile gantsi di sia mophato o di tsaletsweng mo go ona mme di leke go golagana le mophato o mongwe fa di le bogolo jwa dingwaga di ka nna supa, mme seno se thusa go tshola tsadisana-gare ele kwa tlase. Ditona di nna mo kotsing thata mme gantsi di bonwa fa ele ditlhokatsebe ka nako e di senkang mophato o mo ntšhwa. Fa moeteledipele – yo o bitswang tona-tshimolodi – a digwa mo maemong, moeteledipele yo montšhwa a ka bolaya bana ba moeteledipele wa maloba. Ka go tlhoka bana ba ba anyang, ditshegadi di siamela go tsadisa gape ka bonako. Ditshwene di ka gola go fitlha di nna bogolo jwa dingwaga di le 40.

Mokgwa wa Polaô le Phepô

©Roger de la Harpe
Mephato e ka bopwa ke bonnye jwa ditshwene di le supa goya go tse di lekgolo le go feta, le katologo ya felo-bodulo e e farologanang magareng ga 1.5 km² goya go 40 km², goya ka The Endangered Wildlife Trust. Mephato e megolo gantsi e nna le felobodulo jo bogolo mme di tsome ka bontsi jo bo kwa tlase, fa mephato e e kgonang go fitlhelela dijo tsa boleng jo bo kwa godimo le ditlabakelo di na le go nna le felobodulo jo bo nnye mme di tsome ka bontsi.
Ditshwene ka nako e kgolo di dira motshegare, mme di boele kwa ditlhareng le kwa marobalong a majwe pele letsatsi le wela.
Le fa ditshwene ele dijagotlhe, phepô ya tsona ka bontsi ke e e ikaegileng ka dimela. Go tsoma ke tiro ya tona ka nako e kgolo, goya ka Predation Management Manual. Ga go na mokgwa wa polao o o rileng, fela ditsongwa tsa tsona gantsi di swa ka ntlha ya dikgobalo. Dinku tse kgolo gantsi di a latlhaganngwa le go longwa mo sehubeng, fa dikonyana di ka gagolakwa.
Maitsholo a tsona a go ja a bosutlha, ka ge diphologolo tse di di bolaileng di buiwa gaufi le karolo ya molala le tlhogo. Gantsi di simolola go ja fa maleng a maswi, mateng a ntshwa mme letlalo le a gagolwa go fana ka tsela e e lebang kwa karolông e e fa godimo ga serope. Dikgopo, diphilo, sebete, makgwafo le pelo di a jewa le tsona.

Taolô

©Peter Delaney
Ditshwene ke diphologolo tse di botlhale thata, ke ka jalo di ithutang ka bonako go fenya le go efoga maparego. Legora la motlakase, modumo, go tlhatlhelwa mo lesakeng ga diphologolo, tiriso ya badisa le diphologolo tse di disang, gotlhe gono go ka thusa mo thibelong ya ditatlhegelo, fela dipatlisiso tse diša di fitlheletse fa di-prism tsa tshupatshwano di se mosala mo ditshweneng, segolo thata fa di diriswa kwa dikgaolong tse setoropo kwa ditshwene di setseng di tlwaetse go kganya jo go tswang mo matlhabaphefong.
Go tshwanetswe go ka golaganngwa le bolaodi jo bo maleba go bona makwalotetla a go thaisa kgotsa go thuntsa ditshwene. Ke diphologolo tse di sireleditsweng kwa Kapa Bophirima, ka jalo balemirui mo porofenseng eno ba letleletswe fela go thuntsha ditshwene di le pedi ka letsatsi mo lefatsheng la bona, ntle fela le fa ba na le lekwalotetla la go thuntsha tse di fetang pedi.
Go thuntsha ditshwene tota go ka nna le ditlamorago tse di leswe, ka go baka gore bana ba tsona ba ba senang maikarabelô ba tseye marapo. Goya ka Baboon Matters, polao ya tona e e renang e baka tlhakatlhakano mo mophatong mme go ka isa kwa go tlhangweng ga mephato e mennye e e sa laolegeng gotswa mo mophatong o mogolo, mme e bope ditlhotswana tsa ditlhasedi.

Translated by Nchema Rapoo