Tshupô ya Magakabe

©Nigel Dennis
Magakabe a ka baka ditatlhegelô tse di kgolo go balemirui ba leruo ga mmogo le ba dijalo, maungo le diterebe. Dipalo tse di oketsegang tsa ona di baka tlhobaboroko e e golang ka ntlha ya seabe sa ona mo digagabing, dinonyaneng tse nnye le mo ditsheding tse dingwe.
Fela, ga di maswe ka bojotlhe. Goya ka Endangered Wildlife Trust, magakabe a tsaya karolo e e botlhokwa mo boamanong-tshedi jaaka diselasedi, ka ge go ja diphologolo tse di suleng ga ona go thusa go thibela kanamô ya malwetse. A thusa gape go tshola dipalopalo tsa magotlo ka fa tlase ga taolô, mme dintlhaga tsa ona gantsi di diriswa ke merokapula kgotsa dinonyane tsa ditlhasedi tse dingwe, tse di jaaka diphakalane le bomankgodi.

Magakabe a Mmala-pedi le Magakabe a Molala-tshweu

Magakabe a mmala-pedi (Corvus albus) le magakabe a molala-tshweu (Corvus albicollis) ke ditlhokatsebe tse di kgolo mo dipolaseng. Magakabe a mmala-pedi a a godileng a mantsho mmele otlhe, ntle fela le letshwaomolaleng le le sweu le purapura ya mafofa e tshweu e e fa godimo mme e atologela kwa dikarolwaneng tse di ka fa tlase tsa sehuba, matlhakore a mmele le mafofa a axilla.
Magakabe a mmala-pedi a a godileng a boleele jo bo ka nnang 45 cm, ka boleele jwa diphuka jo bo farologanang goya ka legato la go sola le ka dingwaga tsa nonyane. Di ka bonwa go ralala Borwa jwa Afrika, fela gantsi di dula gaufi le masimo, savanna, dikgaolo tsa setoropo, dithota tsa matlakala, matlhakore a ditsela le diporo.
Legakabe la molala-tshweu le na le mmala o o bontsho jo bo phatsimang ka letshwaomolaleng le le sweu fa morago ga molala. Molongwana wa lona o mogolo o o ikgarileng o montsho ka ntlhana e tshweu. Bagolo ba boleele jwa 50 goya go 54 cm, ka tsharologo ya diphuka ya 48 goya go 43 cm. A fitlhelwa go ralala Afrika Borwa, ka bontsi kwa dikgaolong tsa dithaba, mekgatšheng le mafikeng, fa phulô e ka diragala mo dinageng tse di bulegileng.
Ditshedi ka bobedi di tsadisana botshelo jotlhe. Dintlhaga ke dipopego tse di kima tse di dirilweng ka dithupana le medi, ka boalô jwa ka fa gare jo bo boleta jwa seretse, seloko, megala ya boboa kgotsa bojang. Paka ya tsadisano e farologana goya ka maêmô a bosa, fela gantsi e simolola ka Phukwi go fitlha ka Ngwanatsele go legakabe la molala-tshweu, le go simolola ka Phukwi go fitlha Ferikgong go legakabe la mmala-pedi. Dinamagadi di beela mae ale 4 goya go 5 ka nako.

Mokgwa wa Polaô le Phepô

Magakabe a mmala-pedi le magakabe a molala o mosweu a baka tshenyô e e boitshegang. Melongwana ya ona ga e motsu mo go lekaneng go ka phunya nama, ka jalo gantsi di tlotlonya matlho a dikonyana kgotsa a dinamagadi tse di mo pelegong, mme di tlogele ditsongwa tsa tsona di foufetse. Di baka ditatlhegelô tsa leruo tse kgolo, segolo thata ka motsi wa komelelô.
Setoto se se butsweng mo matlhong, molomong, tharing kgotsa moteteng, gantsi ke letshwao le le netefetseng la gore leloko lengwe la lapa la legakabe le ntse le se ja.

Taolô

©Roger de la Harpe
Go tota go le thata go laola magakabe. Ga se ditshedi tse di sireleditsweng, ka jalo di ka tsongwa mo polaseng, fela eseng mo mebileng ya botlhe kgotsa mo karolong ya masepala. Balemirui bangwe ba dirisa dikobi tsa modumo le tsa ponô, sekai, ba dirisa disupisatshwano kgotsa ditshosa go tshosa dinonyane gotswa mo diruiweng le dijalong tse di mo kotsing, fa ba bangwe ba khurumetsa dijalo ka letloa go di sireletsa kgatlhanong le tshenyô ya dinonyane.
Tiriso ya botlhole ga e ka fa molaong, ka ge gantsi e tsamaisana le polao ya diphologolo tse di sa totiwang, go akaretsa dinonyane-tlhasedi tse di sewelo tse di leng mo kotsing.
Taolô-kakaretso kwa ntlheng e akaretsa go fokotswa ga metswedi ya dijo e e leng teng. Seno se kaya gore tokafatso ya go tsholwa le go latlhwa ga ditlakala tsa dijo, segolo thata mo mafelo-boipeing, dithoteng tsa matlakala le matlhabelo a diphologolo. Meteme ya matlakala e tshwanetse go tswalelwa, difepi tsa dinonyane di tshwanetse go ka tloswa mme ditshodi tsa dijo tsa diphologolo tsa selegae di tshwanetse go sutisetswa ka mo teng ga kagô. Go kaya taolô e e tokafetseng ya ditorong, ka ge dinonyane tseno di bonwe molato wa go phatlhalatsa ditorong kwa Nama Karoo.
Sabobedi, e akaretsa tshireletso e e tokafetseng ya leruo le le mo kotsing. Dinamagadi tse di dusang di tshwanelwa ke go sutisetswa kwa dikampeng tse di potlana, kwa goleng bonolo go modisa go ka di tlhokomela, dibeke di le mmalwa pele ga pelego ya dikonyana mme di tshwanetse go dula teng dibeke di le mmalwa morago ga go belega, go fitlha tsona le dikonyana tsa tsona di tswa mo kotsing.
Sentlhaga le mae di ka senngwa, fela seno se ka nne sa isa kwa go beelweng ga mae a mangwe ale mantsi. Ka jalo, go fa tlhogo go senya mooko mme go busetswe mae kwa sentlhageng.
Go bona tshedimosetso ka bontsi golagana le Predation Management Forum Secretariat.

Translated by Nchema Rapoo