Tshêlô ya Sebolayamofero

© Louise Brodie

Go bona dipholo tse di gaisang, dibolayamefero di tshwanetse go tshelwa goya ka ditaelô, mme ditlhagiswa tsa tiro e e tshwanang di dikoloswe le ditlhagiswa tse dingwe go thibela go bopega ga kganetso ya dibolayamefero. Dibolayamefero di ka tshelwa go bolaya mefero e e dutseng fela mme e ise e tlhoge, tsona di bitswa dibolayamefero tsa pele ga melô, kgotsa di ka diriswa go laola mefero e e setseng e medile, mme tseo di bitswa dibolayamefero tsa morago ga melô.

Tshêlô ya Sebolayamofero sa Pele ga Melô

Nako ya go tshela sebolayamofero sa pele ga melô e ikaega ka mofuta wa temôlelo o o dirisitsweng. Mo dipolaseng tse mo go tsona temôlelo ya setlwaedi e diriswang, dibolayamefero di tshwanelwa ke  go tshelwa morago fela ga fa lefatshe le sena go lengwa gore mefero e se nne le tshono ya go mela, Gavin Matthews o gakolola mo kwalong ya gagwe ya 'Pre-emergent herbicides remain important' e e gatisitsweng mo Grain SA’s Pula/Imvula magazine. 

Fa go sa diriswe temôlelo kgotsa fa go diriswa temôlelo-potlana, sebolayamofero sa ‘phiso’ se ka tshelwa go bolaya mefero yotlhe e e tlhogileng mme seno se salwe morago ke sebolayamofero sa pele ga melo go thibela mefero e mengwe gore ese mele. Gore go diriswa temôlelo ya setlwaedi kgotsa temôlelo-potlana, dibolayamefero di tshwanetse go tshelwa ka maêmô a bosa a a metsi go letla dikhemikhale gore di gogelwe tlase mo mmung go bolaya dipeo tsa mofero.

Tshêlô ya Sebolayamofero sa Morago ga Melo

Dibolayamefero tsa morago ga melô ke dibolayamefero tsa kamanô, se se rayang gore di tshwanelwa ke go monyelwa ke matlhare a mofero gore di bolaye semela. Mo kwalong ya gagwe, Keep the enemy at bay, e e tlhageletseng mo Grain SA’s Pula/Imvula magazine, Gavin Matthews o neelana ka maele a a latelang a tiriso e e manontlhotlho:

Santlha, sebolayamofero se tshwanetse go ka tshelwa ka letsatsi le go senang phefo ka lona, go thibela segasi go ka gasagana mme se ise kwa kamanông e e bokoa magareng ga sebolayamofero le mefero. 

Go sa tshwane le dibolayamefero tsa pele ga melô tse di tshelwang mo maêmông a a metsi, dikhemikhale tsa morago ga melô di tlhoka go ka tshelwa mo malatsing a go nang le letsatsi, fa mefero e tsweletse go gola, go bona monyelo e ntle ya khemikhale. Fela fa mofero o emisitse go gola, sebolayamofero se ka se nne le seabe kgotsa se tla nna le seabe se se potlana.

Saboraro, khemikhale e tshwanetse go diriswa ka seêlô sa metsi se se tshwanetseng le bogolo jwa marothodi jo bo siameng. Ka kakaretso, seêlô sa metsi se se ka nnang 150 litres se tla diriswa mo heketareng nngwe le nngwe mo segasing sa mouwane o mosesane go bona kapeso e e botoka ya khemikhale mo semeleng. Fela seêlô sa metsi le bogolo jwa marothodi di tlile go ikaega ka setlhagiswa, ka jalo kopa motlamedi wa gago wa khemikhale maele a tshêlô.

Sabone, sebolayamofero se tshwanetse go tshelwa ka lobelo lo lo lekalekanang go tila tshêlô e e fetang selekano kgotsa tshenyô mo dikarolong tse lobelo lo neng lo lo bonya thata kgotsa tshêlô e e ka fa tlase ga selekano fa terekere e ne e tabogile thata. Segasi se tshwanetse go ka lepiwa ka tshwanelo goya ka lobelo lwa tshêlô, lo lo tlileng go ikaega ka topography ya polase. Di-kilometre di le lesome ka ura ke lobelo lo lo siameng go dira ka lona mme lo thusa go nolofatsa dipalelelo tsa go lepa.

Sabofelo, ditlaleletsi, tse di jaaka dimateretsi, di ka diriswa go tokafatsa bodiragatsi jwa sebolayamofero. Semateretsi se ka letla sebolayamofero go materela botoka mo matlhareng a mefero, le go retibatsa ditlamorago tsa pula e e nang morago ga go gasa. Gape, batlamedi ba khemikhale ba tshwanelwa ke go botswa gore a setlaleletsi se a tlhokega le gore ke dife tse di ka diriswang le sebolayamofero sefe.

Kwa bofelong, balemirui ba tshwanetse go netefatsa fa ba dirisa sebolayamofero se se matshwanedi, ka mafoko a mangwe, se se tla bolayang mofero o o totilweng ntle le go ama tlhagiso ya dijalo mo go maswe.

Translated by Nchema Rapoo