Tlhagiso ya Canola

© Jean Tresfon

Diphotlwa tsa canola di dirisetswa thata go dira oli ya Canola kgotsa go tswakanngwa le dioli tse dingwe tse di jegang. Oli eno e dumeletswe semmuso ke Heart Foundation, ka ntlha ya percentage ya yona e e kwa godimo ya omega-3 fatty acids e e fokotsang dielô tsa lipoprotein cholesterol tsa bokete jo bo kwa tlase. 

Canola meal le oil cake, tse eleng ditswa-setlhagisweng tsa go phetolwa ga oli, ke metswedi e e siameng ya protein ya diphologolo mme thoro ya canola e na le 36% goya go 46% ya oli le 20% goya go 24% ya protein, mme canola oilcake e na le 35% protein. Kwa dinageng tse dingwe, canola e dirisetswa go tlhagisa biofuel le jaaka monontsha wa botswatsheding.

Dipoêlô tsa Tikoloso-Jalô

©Shem Compion

Canola ke sejalo se se manontlhotlho sa tikoloso, mme batlhagisi bangwe ba bega koketsego ya 10% goya go 50% mo dithôbông tsa korong tse di e latelang. Ke goreng? Canola e na le maatla a phepafatso ya tlhagô ya bobolayamegare a a thusang go lwantsha malwetse a korong a a rileng, a a jaaka take-all, white ear, root knot nematodes and Phytophera. E letla balemirui go dirisa dibolaya-mofero tsa bojang mme ka tsela eo e ba letla go ntsha mefero ya bojang e e letshwenyo mo mmung pele go ka jalwa korong gape. Ntle le seno, moditona wa yona o o thata o o boteng o thusa go repisa mmu. 

Ditlhokegô tsa Bosa

©Marinda Louw

Canola e tlhagisiwa mo boseng jo bo rurufetseng. Department of Agriculture, Forestry and Fisheries’ Canola Production Guideline e supa 21 degrees Celsius jaaka e eletsega mo kgolông le dithemphoritšhara tsa mmu tsa 15 goya go 20 degrees Celsius jaaka tse di gaisang go medisa. Dithemphoritšhara tse di kwa godimo ga 30 degrees Celsius di ka nna kotsi go tulafatso mme di tlile go khutshwafatsa legato la kgolô la sephotlwa le peo mo ebileng thôbô le boleng di tla koafalang. 

Mo tlhagisong ya mo lefatsheng le le omeletseng, kgaolo e tshwanetse go fitlhelela ka bonnye 300 mm ya pula magareng ga Moranang le Diphalane. Canola e koafatswa bonolo thata ke komelelô ka legato la thunyô le la popegô ya tharo. 

Ditlhokegô tsa Mmu

©Chris Daly

Canola e ka jalwa mo mefuteng ya mmu e e farologaneng, fela e diragatsa bontle mo mebung e e mmopa-serokwa e e tswang metsi sentle mme e sa angwe ke kgogolego ka phefo. Mebu gape ka keletso e tshwanetse ke go nna boteng, ka ge thulaganyo-moditona ya canola e ka fitlha kwa boleeleng jwa 100 cm go tsenelela mo mmung. pH ya mmu e e eletsegang ke magareng ga 5.5 le 7 KCI.

Translated by Nchema Rapoo