Tlhagiso le Dipalopalo tsa Cherry

© Louise Brodie

Tlhagiso ya Afrika Borwa ya di-cherry tse di tswina, 0.1% ya palogotlhe ya tlhagiso ya lefatshe, ke palo e potlana thata fa go bapisiwa le ya dinaga tse dingwe tsa sephatlo-fatshe sa borwa tse di jaaka Chile, e mmaraka wa thomelo-ntle o mogolo wa yona eleng China, mmogo le Argentina e e romelang-ntle goya kwa USA. 

Mo go ka nnang 22% ya tlhagiso ya Afrika Borwa ya cherry go romelwa-ntle, mme mo go ka nnang 56% ya tlhagiso ya cherry go kgotsofatsa letlhôkô la selegae le le itekanetseng ele ruri. Halofo ya thomelo-ntle ya Afrika Borwa e ya kwa UK. 

Tlhagiso ya Afrika Borwa ya cherry e a gola, mme diheketara di oketsegile ka 78% gotswa go 221ha go fitlha go 388ha magareng ga 2013 le 2018. Mo go ka nnang 40% ya ditshimo tsa cherry tsa Afrika Borwa go jadilwe ka 2017 le 2018.

Tlhagiso ya Lefatshe ya Di-Cherry

Cherry e e tswina, Prunus avium, e tlholega kwa dikarolong dingwe tsa Yuropa, Turkey, Afrika le Asia mme ka nnete, dingwe tsa dinaga tse eleng batlhagisi-bagolo ba cherry, sekai Poland le Turkey, di mo dikarolong tseno. 

Batlhagisi-bagolo ba le bararo ba cherry e e bodila ya go beikha ke Russia, Turkey le Ukraine. 

Fa e sale ka 2001 tlhagiso ya lefatshe ya cherry e e tswina e oketsegile ka 52% mme Turkey e latlhegetswe ke maemô a yona jaaka motlhagisi o o kwa godimo wa cherry mo lefatsheng ka 2016, fa Chile e ne e tsaya marapo. Maloko a mangwe a batlhagisi ba le batlhano ba ba kwa godimo ke USA, Uzbekistan le China. 

Afrika Borwa e mo maemông a bo-34 ka tlhagiso-cherry ya ngwaga le ngwaga e e fetang fela ditone di le 1 000.

Koketsego e e boitshegang e bonwa mo tlhagisong ya cherry kwa Chile. Koketsego ya 353% mo sebakeng se se fetang dingwaga di le 16 go fitlha ka 2016 e ba tsweleditse go tsena mo maemông ale lesome a a kwa godimo a dinaga tse di tlhagisang cherry, mme ba fetoga baromedi-ntle ba ba golo goya kwa Asia le go tlamela 80% ya theko kwa China. Ka 2016, ba tlhagisitse 26% ya tlhagiso ya lefatshe mme ponelopele ya bona ya setlha sa 2018/19 e ne ele ditone di le 150 000.

Kgolô mo tlhagisong ya kwa China e ne ele maatlametlo go feta. Koketsego ya go feta 1 800% mo dingwageng tse di magareng ga 2001 le 2016 e bone China e nna monna-le-seabe yo mogolo, ka ditshimo tse di farologaneng gotswa go tsa dijadi tsa kgale mo bogolong jo bo kwa tlase ga halofo ya heketara goya go dipolase tsa sešweng tse di nang le go feta 1 000 ya ditlhare tse di jadilweng ka bontsi jo bo kwa godimo. Kwa China, temô ya ditlhare tsa cherry mo mantlwaneng-jalô a halofo ya kgolokwe e netefatsa fa go nna le maungo mo magareng a setlha se se thari sa sephatlo-fatshe sa borwa le setlha sa pejana sa sephatlo-fatshe sa bokone, mo pakeng e mo go yona go nna teng ga cherry go lekanyeditsweng.

Ponelopele ya setlha sa cherry sa China sa 2018/19 e ne ele ditone di le 210 000.

Goya ka Lefapha la Temôthuo la kwa United States (USDA), tlhagiso ya lefatshe ya cherry ya 2018/19 e ne e lebeletswe pele go nna ditone di le 3.3 million, eleng koketsego ya ditone di le 156 000. Koketsego ya 30% e bonelwa-pele kwa Yuropa, segolobogolo kwa Poland e di-cherry tsa yona di nang le seabe mo go ka nnang nngwe-tharong ya tlhagiso ya EU.

Dikgaolo tsa Tlhagiso ya Cherry mo Afrika Borwa

Bosa jwa botlhaba jwa Free State gaufi le ditoropo tsa Ficksburg, Clocolan le Fouriesburg ga mmogo le kgaolo ya Ceres ya Kapa Bophirima - mariga a a tsididi, selemo sa mogote o o magareng - di siametse temô ya cherry mo Afrika Borwa. Bontsi jwa di-cherry, 71%, bo tlhagisiwa kwa Kapa Bophirima, 13% kwa Free State mme 10% kwa Porofenseng ya Bokone-Bophirima. 

Palogotlhe ya tlhagiso ya di-cherry mo Afrika Borwa e ne ele 1 024 tonnes ka setlha sa 2018/19.

Mebaraka ya Cherry

Bontsi jo bo ka nnang 55% ya di-cherry tsa Afrika Borwa bo rekiswa mo mabenkeleng le mebarakeng ya Afrika Borwa. Tse di ka nnang 22% di romelwa-ntle mme kwa tlase ga 10% go a phetolwa. Johannesburg le Durban ke mebaraka e mogolo go gaisa, mongwe le mongwe wa yona o monyêla 33% ya tlhagiso ya selegae ya cherry. Pretoria e rekisa 21% mme Cape Town ke fela 9% ya di-cherry tsa Afrika Borwa. 

Go di-cherry tse di romelwang ntle, palo e e ka nnang 50% e ya kwa UK, 24% e ya kwa Botlhaba-Gare, 16% kwa Yuropa le Russia. Mebaraka e mengwe e e amogelang diromelwa-ntle tsa cherry ya Afrika Borwa ke dinaga tse dingwe tsa Afrika le Botlhaba jo bo kwa Kgakala, mongwe le mongwe o bona 3%.

Translated by Nchema Rapoo