Tikoloso ya sejalo ke phetogo ya dijalo tse di farologaneng mo ditlheng tsa jalô tse di tlhomaganeng. Dijalo tsa ngwaga le ngwaga (jaaka merogo kgotsa dithoro) ga di a tshwanela go ka jalwa mo lefelong le le lengwe dingwaga tse pedi ka go tlhomagana.
Di tshwanetse go fetofetolwa le dijalo tse dingwe, ka gonne dijalo ka go farologana di tsaya kgotsa di ntsha dikotla ka go farologana gotswa mo mmung. Synergism kgotsa tikoloso ya sejalo nako dingwe e diragala magareng ga dijalo dingwe fa di fapanngwa. Seno ka bonolo se kaya gore thôbô ya sejalo le boleng di ka oketswa fa go jalwa ka phêthênê e e rileng ya tshelomorago.
Sekai, ka go metwa mo dingwageng le dikgaolong di le mmalwa, thôbô ya mmopo e oketsegile ka seelo-bogareng se se ka nnang 12% fa o jalwa fa morago ga sejalo sa monawa. Gape, thôbô ya korong morago ga sonobolomo le paka ya itharabologelo ya dikgwedi di le 13 e ne e feta ya thulaganyo ya jalô-nosi1 ya korong ka 54%.
Tikoloso-jalô e thusa ka tiriso-poeletsa ya dikotla. Sekai se se botlhokwa thata ke menawa e e jaaka dinawa tse tala, dinawa, canola le dinawa tsa lupin. Menawa eno e na le ‘dinoko’ (dinoko tse di bopilweng ke mogare wa Rhizobium) mo meding ya ona, e e direlang sejalo nitrogen (N).
Go na le nitrogen e ntsi mo mmung mo ngwageng o o latelang morago ga gore sengwe sa dijalo tseno se jalwe. Merogo e mengwe e e tlhokang nitrogen ka bontsi ka jalo e ka jalwa. Segwete ga se tlhoke dikotla tse di ntsi jalo, mme se ka jalwa ditlha tse pedi goya go tse tharo morago ga monawa. Tikoloso-jalô e kgaola tikotshelo ya mefero le disenyi. Ditshenekegi di rata dijalo tse di rileng go gore di beele mae mo go tsona le go iphepa ka tsona.
Ditshenekegi ka jalo di tlile go beela mae mo dijalong fa di itse gore go tlile go nna le dijo tse dibokwana di tlileng go di ja fa di sena go thuthuga. Fa motlhagisi a dirisa tikoloso-jalô mo karolong e e rileng ya mmu ngwaga le ngwaga, tikotsheko ya tshenekegi e kgaoga ka tsela eo mme gape ke mokgwa o o sireletsang tikologo o o lekang go laola disenyi.
Kakanyo ke gore go fetofetolwe (dikoloswe) dijalo tse eseng ditshodi tsa bolwetse jo bo rileng jwa dijalo. Tshupo e e nepagatseng ya malwetse a sejalo, tlhopho tsa sejalo le phatlalatso ya malwetse e botlhokwa thata pele thulaganyo ya tikoloso-jalô e ka rulaganngwa.
Rulaganya gore dijalo tse di farologaneng di tshwanetse go ka jalwa leng - dikolosa menawa le dijalo tse dingwe. Jaaka go kailwe, dijalo ka go farologana di na le ditlhokegô tsa dikotla tse di farologaneng. Dijalo tsa thulaganyomodi e e tseneletseng jaaka clover, barley le lucerne di siame go ka diriswa ka gonne di busetsa ditswa-tsheding tse ntsi mo mmung.
Dijalo tseno di ka diriswa gape mo meleng ya jalô go tokafatsa kungô ya mmu soil fertility le popego, le go neelana ka phasalalo ya mmu. Dijalo tsotlhe (go akaretsa merogo) di kgaogantswe ka malapa mme maloko a lapa le le lengwe a angwa ke disenyi le malwetse a le mangwe. Ka jalo leloko le lengwe ga le a tshwanela go jalwa morago fela ga le lengwe mo lenaaneng la tikoloso-jalô.
Merogo e ka kgaoganngwa ka ditlhopha tsa dijalo tse di latelang:
Setlhopha A: Khabetšhe, cauliflower, broccoli, brussel sprouts, eiye, leek le garlic
Setlhopha B: Digwete, beetroot, swiss chard, turnip, dipotata, celery le dirapa
Setlhopha C: Ditamati, ditapole, dipherefere, eggplant le lettuce
Setlhopha D: Maphutshe, lekaso, cucumber, legapu le lettuce
Setlhopha E: Dinawa le dinawa tse tala
Sekai sa thulaganyo ya tikoloso-jalô ya merogo vegetable crop rotation e dira ka fa go latelang: Kgaoganya karolo ya lefatshe le le tlileng go dirisetswa tlhagiso ya merogo ka dikarolwana di le tlhano. Jala mo karolwaneng 1 merogo ya setlhopha A, karolwana 2 merogo ya setlhopha B, karolwana 3 merogo ya setlhopha C, karolwana 4 merogo ya setlhopha D le karolwana 5 merogo ya setlhopha E. Ditlhopha tse di farologaneng di suta mo karolwaneng ele nngwe ka nako ngwaga mongwe le mongwe.
Translated by Nchema Rapoo