Tikologo ya Setso le Dimela ya Richtersveld
Bontle jo bo Iphitlhileng
Richtersveld ke kgaolo e e kgakala; e e mogote, e omeletse mme e sa bontshe botshelo. E na le bontle jo bo rileng jo bo iphitlhileng, ee, fela ke goreng fa lefelo le le moôpa jaana le tshwanelwa ke seêmô sa Ngwaô-Boswa ya Lefatshe? Go ya ka ditokomane tse di siamisitsweng ke motlhopha-moemedi, lefelo le na le semelo sa tlhagô le setso se se le dirang botshwana-nosi. Ka mantswe a mangwe, go na le go le gontsi ka ga Richtersveld go feta ka mo go lemogwang.
Fa go tliwa mo botlhokweng jwa setso, Richtersveld ke legae la maloko a bofelo a a setseng a morafe wa baNama ba Khoikhoi ba ba santseng ba tshegeditse tsela ya bona ya matshelo a botlhotlhomi. Mokgwa onô o o kgethegileng wa ‘khudugo-phulô’ o na le ditlhotshwana tsa malapa a a hudugang le metlhape ya ona ya dinku le dipodi gotswa mo kgaolo-phulông ya setlha sengwe goya kwa go e nngwe.
Gantsi, bangwe ba bona ba santse ba tshelela mo matlong a bona a setso a matjieshuise a borulelo jwa sebopego sa kgolokwe (mekgoro ya lotlhaka), a a bidiwang haru oms ka loleme lwa seNama. Setso seno se se sa robegang sa ngwaô le tshwantshômatlo se atologela morago dingwaga tse di fetang 2000.
Mefutafuta e e Gakgamatsang
Dipeelo tsa tlhagô di kgatlhisa mo go tshwanang. Le fa tshologo ya ngwaga le ngwaga ya pula ele kwa tlase, maêmô a le mmalwa a bosa a teng mo Richtersveld, a a letlang mefutafuta e e gakgamatsang ya dimela go ka ntsifala. Mefuta ya dimela ele 359 e bonwa fela mo kgaolong eno, mme e na le masimo a mariba a a mefutafuta go gaisa mo lefatsheng (a a fitlhelwang gaufi le Alexander Bay). Mo godimo ga fao, Richtersveld ke karolo ya sekgwa sa malomo sa Succulent Karoo, se se apesang kgaolo ya lobopo lwa bophirima lwa Afrika Borwa le Namibia. Kgaolo eno e e sephara e na le mefuta ya dimela ele 5000 mme 40% ya yona e bonwa fela mo kgaolong eno, go akaretsa dihupametsi tse di sewelo, seno se e dira nngwe ya dikarolo tse di omeletseng tsa tshedisanô-tlhagô mo lefatsheng (e nngwe e kwa lonakeng lwa Afrika).
Le fa gole jalo, e ne ele botlhokwa jwa ngwaô ya balemirui ba BaNama le tshelo ya bona ya bogologolo tse di kgatlhileng UNESCO le komiti ya yona ya babatlisisi. Mo pegelong ya bona, ba fitlheletse fa lefelo le na le boammaruri jo bo kwa godimo mo temeng eno. Thulaganyo ya setso sa khudugo ya setlha ka setlha e santse e dira, masaka a diruiwa le |haru oms di diriswa jaaka karolo ya botshelo jwa tsatsi le tsatsi, le mokgwa wa go disa diruiwa wa botlhotlhomi o o diriswang ke baNama ke bopaki jwa tsela ya segologolo ya taolo ya lefatshe e e thusitseng go tlhokomela thulaganyo ya felo-tshedisano la Succulent Karoo.
Lenaane la Lefatshe la Ngwaô-Boswa
Ka ntlha ya diphitlhelelo tseno, tikologo ya Setso le Dimela ya Richtersveld e ne ya amogelwa mo lenaaneng la Lefatshe la Ngwaô-Boswa ka ntata ya mabaka a setso a iv le v, ke gore:
(iv) go nna sekai se se tswileng diatla sa mofuta wa kagô, kgobokano ya botshwantshômatlo kgotsa ya botegeniki kgotsa tikologo e e bontshang (a) dipaka tse di botlhokwa mo historing ya batho.
(v) go nna sekai se se tswileng diatla sa felo-bodulo jwa setso jwa batho, tiriso ya lefatshe, kgotsa tiriso ya lewatle e e leng kemedi ya setso (kgotsa ditso), kgotsa kamanô ya batho le tikologo, segolo thata fa ele mo kotsing ka ntata ya seabe sa phetogo e e ka se busetsweng morago.
Tseno di ranotswe ke UNESCO ka fa go latelang:
(iv) tikologo ya dimela tsa mefutafuta e e humileng ya Richtersveld, e e bopilweng ke phulô ya masimo a baNama e kaya le go bontsha tsela ya botshelo e e tsweletseng-pele dingwaga di le diketekete tse di ntsi mo karolong e kgolo ya borwa jwa Afrika, mme e ne ele paka e e botlhokwa mo historing ya kgaolo eno.
(v) Richtersveld ke nngwe ya dikgaolo di le mmalwa mo borwa jwa Afrika kwa mokgwa wa phudiso ka go hudugisa diruiwa setlha le setlha o santseng o dirwa: jaaka tikologo ya setso [seno se kaya kamanô e e magoletsa magareng ga batho le tikologo ya bona], e bontsha ditso tse di saleng di tshegeditswe go tloga kgale mme di tsepame tsa baNama, morafe wa selegae. Ditlhopha tsa bona tsa phudiso ka go hudusa diruiwa goya ka setlha, tse di somarelang tshedisanô ya mefutafuta ya diphologolo le dimela ya kgaolo, di kile tsa be di aname thata mme ga jaana di mo kotsing.
Bonnete jwa Lefelo
Jaaka go kailwe fa godimo, bonnete jwa lefelo bo mo kotsing. Ga jaana ke fela batho ba le 300 ba ba santseng ba tshegeditse mokgwa wa setso wa temothuo, mme bontsi jwa batho bano ke bagodi. Kgaolo gape e futswe go feta selekano, segolo ka ntlha ya gore go nna le lefatshe ka bonosi go fitlheletse baNama mo dingwageng di le makgolo tse di fetileng, mme seno se fokoditse mekgwa ya phudugo ka bophara ya balemirui.
Madirelo a moepo go ikala le Noka ya Orange le Richtersveld National Park le ona a ka baka tshenyo, ka fa seno se senya tikologo le setso tsa baNama, ba nako dingwe ba tswang kwa malapeng a bona goya go dira kwa moepong le ditoropo tse di gaufi. Ka ntata ya seno, lefelo le eleng lona la Ngwaô-Boswa ya Lefatshe le fokoditswe ka bogolo go nna se se bitswang Richtersveld Community Conservancy (RCC). Eno ke kgaolo ya lefatshe la phulô la bogolo jwa 160 000 hectares, le le laolwang me Sida !hub Community Property Association (CPA).
Go tlhomama, kgaolo e e begilweng, e thadilwe kwa bokone ke dithaba tsa Vandersterr, mme ke Noka ya Orange le dithaba tsa Nababiep kwa Botlhaba. Goya kwa Borwa le Bophirima, kgaolo e sireleditswe ke lefatshe la tlaleletso la phulô.
Ga jaana, Richtersveld National Park e e kgatlhisang (e e kwa bokone jwa Dithaba tsa Vandersterr) ga e a akaretswa mo lefelong la Ngwaô-Boswa ya Lefatshe ka ntlha ya gore go santse go na le madirelo a moepo a a diragalang ka mo gare ga melelwane ya serapa. Fela, go na le kgonagalo ya gore seêmô sa Ngwaô-Boswa ya Lefatshe se tlile go atolosetswa kwa serapeng fela fa meepo e sena go khutliswa, mme lefatshe le tsosolotswe. Seno se ka diragala mo bogaufing gona le bokgakaleng ka ntlha ya gore meepo e gaufi le go fela, mme go setse go na le ditumalano tse di tsentsweng tirisong go letla balemirui ba baNama go fudisa ka mo gare ga serapa.
Translated by Nchema Rapoo