Tautona Nelson Mandela le Leloko Ka Ene La ANC Mogenerale Andrew Masondo

© Dr Peter Magubane
Tautona Nelson Mandela le leloko ka ênê la ANC Mogenerala Andrew Masondo. Banna ka bobedi ba apere kapari ya Umkhonto we Sizwe (MK), jaaka bontsi jwa balwani ba maloba ba bangwe ba ba neng ba kgobakane kwa Orlando Stadium ka motsi o.
Mo bogareng jwa 1961, baeteledipele ba ANC ba kopane mo sephiring mme ba tsaya tshweetso e e masisi ya go tlhoma Umkhonto we Sizwe (MK), Lerumo la Setšhaba, go bolotsa ntwa kgatlhanong le tlhaolele. Mandela o ne a neelwa marapô. Tshweetso e ne e na le boitlamo jo bo botlhokwa – ditlhaselo di ne di tlile go dirwa mo dikagong, mme ne go sena moagi yo o tlileng go bolawa.
Seno se ne se ikaegile lwantlha mo tumelong ya ANC mo mogopolô wa ga Mahatma Ghandi wa go sa dirise tirisodikgoka mme sabobedi e ne e le pônô ya gore go bolaya basweu go tlile go tiisa go tshaba ga bona ke go buswa ke bontsi. Ntle fela le mo mabakeng a le mmalwa, molawana ono o ne wa nna tirisong mo dingwageng-some tse tharo tse di lateng. Ka molawana o mo ša ono mo tirisong, Mandela o ne a bolola go ralala Afrika mme a ya kwa Brithane le kwa Soviet Union.
Puso e ne e eme sejaro mo go boeng ga gagwe fela o ne a boela ka bokhukhuntshwane gape mo nageng ntle le go thibelwa, a goroga go tswa kwa Bechuanaland, e leng Botswana ga jaana. Balaodi ba koloni ya Brithane koo ba ne ba itse ka go totobala go re o tlile go tsena mo Afrika Borwa leng le kwa kae, fela ba seke ba bolelela Pretoria. Ke boleletswe seno ke mookamedi wa tshireletso, Gerry Forrest, mme ke ne ka mo dumela ka fa ke itse, go tswa mo dipuisanong tse di fetileng le ene, gore o le mogopolo e e kwa tlase ka ga sepodisi sa Afrika Borwa mme a ne a sa rate bodirammogo ka ene ba tsa tshireletso ka ntlha ya dikakanyo tsa bona.
Nngwe ya ditiragalo tse di mo tenneng ke fa a ne a kgweetsa go tla mo Afrika Borwa mme mongwe wa sepodisi kwa molelwaneng a mo laela go bula bônêtê ya sejanaga sa gagwe. 'O akanya gore ke fitlhile Mandela mo enjeneng?' Forrest o ne a botsaka go sotla. Ka Phatwe 1962, Mandela o ne a tshwarwa fa a ne a le mo loêtông kwa Natala, mme o ne a sekisetswa le go golegelwa thotloetso le go tswa mo nageng ntle le molao.

“O nna mo moleng o o kwa pele fa go na le kotsi. Mme batho ba tla lebogela boeteledipele jwa gago.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more