Nelson le Winnie Mandela kwa Gae Mmogo Morago Ga Kgololo Ya Gagwe Gotswa Kgolegelong

© Dr Peter Magubane
Nelson le Winnie Mandela ba itumelela nako mmogo kwa gae ka letsatsi la boraro morago ga kgololô ya gagwe go tswa kgolegelong.
Matsatsi a le mararo morago ga fa Nelson Mandela a sena go gololwa gotswa kwa kgolegelong ya Victor Verster morago ga go nna dingwaga di le 27 mo kgolegelong, o ntse le nako e e neng e tlhokega le Winnie. “Bakaulengwe le maAfrika-Borwa ka nna, ke le dumedisa botlge mo leineng la kagiso, temokrasi le kgololosego go botlhe”, o boleletse diketekete tsa batshegetsi, bontsi e ne e le lwantlha ba bona moeteledipele wa lekoko o o dingwaga di le 71.
Mandela o bone Winnie lwantlha kwa boemelong jwa dibese kwa Soweto, o kwadile seno mo bukaneng ya tsa botshelo jwa gagwe. Winnie ne a le dingwaga di le 22 mme e le modiredi-loago wa setshaba wa ntlha wa mosadi wa montsho. Mandela o ne a mo feta ka dingwaga di le 18, a nyetse ka bana ba le bararo mme e le karolo mo kgaratlhong ya go khutlhisa tlhaolele.
“Nka se bue ka totobalo fa gona le selo se se tshwanang le lerato ka tebo ya ntlha”, o kwadile mo bukaneng ya tsa botshelo jwa gagwe. “Fela ke a itse gore motsi o ke lebileng Winnie Nomzamo lwantlha, ke itsitse gore ke batla go modira mohumagadi wa me.”

“Batho ba na le bokgoni jwa go tlwaela sengwe le sengwe.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more