Bakaulengwe ba ga Mandela

© Dr Peter Magubane
Tokyo Sexwale, Joe Slovo, Nelson Mandela and Cyril Ramaphosa kwa Soweto.
Go ralala bodiri jwa gagwe, Nelson Mandela o ne a na le setlhopha sa bakaulengwe se se gaufi thata le ene se e neng e le karolo ya African National Congress (ANC) kgotsa gongwe se dumelana le ena ka dipolotiki, se se tshegeditseng maitlamo a gagwe le go mo thusa go fetolela Afrika Borwa gotswa mo tlhaoleleng go ya temokrasing ka bo-1990.
Tokyo Sexwale e ne e le setswerere sa sepolotiki mme a golegilwe kwa Robben Island mmogo le Mandela ka ntlha ya ditiriso tsa gagwe tse di kgatlhanong le tlhaolele. Joe Slovo e ne e le rramolao o o kgatlhanong le tlhaolele gape e le moeteledipele wa South African Communist Party yo o dirileng go bapa le Madiba kgatlhanong le thulaganyo ya tlhaolele. Cyril Ramaphosa e ne e le mongwe wa ANC yo o eteletsengpele mme ga jaana ke Tautona ya Afrika Borwa.
Fa go tshwantshitswe bakaulengwe Tokyo Sexwale, Joe Slovo, Nelson Mandela le Cyril Ramaphosa kwa Soweto.

“Go ka se tlhole, go ka se tlhole ebile go ka se tlhole gape gore lefatshe le le ntle leno le itemogele kgatelelo ya mongwe ke yo mongwe gape.” ~ Nelson Mandela

Mandela 100 - Mandela: A Man of Principle

Brenda Fassie yo o amegileng maikutlo, setswerere sa mmino wa pop, o itlampurela ka Mandela....more

Mandela 100 - The Charm of Mandela

Nelson Mandela o boetse kwa legaeng la gagwe kwa Soweto morago ga kgololô ya gagwe gotswa kgolegelong ka 1990. Nelson o goletse kwa No. 811...more

Mandela 100 - The Fight for Freedom

Mandela o ne a ratwa ke batshegetsi ba gagwe mme e le sesupo sa kgololosego go botlhe. Ka nako dingwe o bonwa jaaka modingwana mo Afrika Bor...more

Mandela 100 - Timeless Madiba

Balwela-kgololosego ba ba farologaneng, go akaretsa Nelson Mandela, yo e neng e le rramolao ka nako eo, ba ne ba latofatswa ka boepapuso ka ...more