Mekgwa ya botshedi ya taolô e akaretsa ditlhopho di le di ntsi tse di farologaneng, go akaretsa pheromones, dikobi le manaba a tlhagô mmogo le “botlhole” jwa botshedi. Fa go na le bontsi jwa mofuta ole esi wa tshenekegi, gantsi ke sesupo sa gore tekatekano e kgoreletsegile.
Sesenyi ka jalo se ka bonwa jaaka tsela ya tlhagô ya go bontsha fao diphetogo di ka dirwang teng mo polaseng. Ditshenekegi tse re di lebang jaaka ‘disenyi’ gantsi e nna ditsongwa tsa ditshenekegi tse dingwe tse di dipoelô, mme go botlhokwa go ka itse, go ka sireletsa le go letlelela ditshenekegi tse di dipoelô go ata.
Dijalo tse di ngôkang ditshenekegi tse di dipoelô ke tsa lolapa lwa Asteraceae (jaaka sonobolomo), clover, yarrow e e tlwaelegileng (Achillea millefolium), buckwheat le tse dingwe di le di ntsi.Dikai tsa ditshenekegi tse di dipoelô ke sebokwana sa ladybird. Ke sebokwana se se mebitlwa se okareng kgopa se se bakang tshenyo mo disenying go tshwana fela le khukhwane ka boyona. Lacewings di wela mo lotsong lwa Neuroptera (lolapa: Chrysopidae).
Aphids di bopa karolo e e botlhokwa ya phepô ya tsona, fela ditshenekegi tse dingwe tse di jaaka motlhwa, thrips, dintsi tse tshweu le tsie, mmogo le mae a ditshenekegi le tsona di a jewa. Mofuta wa tshenekegi o o tlwaelegileng o o tlhaselang aphids mo korong ke hoverfly (Eupeodes corollae) e ka mokwatla wa yona o o serolwana le bontsho e tshwanang le notshi kgotsa mofu.
Go na le madirelo a a tsadisang le go rekisa ditshenekegi tse di dipoelô jaaka ladybirds (Chilocorus nigritus le Cryptolaemus montrouzieri), le mofu wa motlhampepe Aphytis lingnanensis le Coccidoxenoides perminutus. Ditshenekegi tseno di diragatsa bontle mo go mealybugs tsa merara ya terebe le red scales. Se se latelang ke tshobokanyo ya disenyi tse di tlwaelegileng le gore o ka di laola jang.
Tswakanya metsi le sesepa se se tala sa sunlight go dira lofulo lo lo botlhofo. O seke wa dirisa sesepa sa dijana sa seeledi kgotsa disepa tse di nang le dikhemikhale, fela Sunlight Liquid e babalesegile go ka diriswa. Inela sponge kgotsa leselanyana mo metsing anô a a sesepa mme ka kelôtlhokô o phimole di-aphids gotswa mo sejalong.
Boeletsa seno makgetlho ale mararo ka paka-magareng tsa malatsi ale mararo. Ladybird le yona e iphepa ka di-aphid mme gantsi e dula mo dithunyeng tsa digwete, fennel le coriander.
Dikgopa di matlhagatlhaga ebile di iphepa bosigo. Di rata mafelo a a rurufetseng a a metsifetseng mme di iphitlha ka fa tlase ga matlakala a mo tshimong. Tshola lefelo la tlhagiso le le phepa le sena matlhare a a swabileng le matlakala a mangwe.
Gasagasa molora kgotsa dikgapetla tsa mae tse di tšhwetlilweng go dikaganyetsa dijalo, go koba dikgopa. Dikgapetla tsa mae tse di bogale di gobatsa mebele ya dikgopa e e boleta. Letswai la mo tafoleng le lona le kotsi go dikgopa le disenyi tse dingwe tse di nang le “mebele e e boleta”, fela bontsi jwa lona bo ka ama kumiso ya mmu.
Nematodes ke dibokwana tsa motlhampepe tse di gamolang matute gotswa mo meding ya dimela. Mae a tsona a bopa dinoko mo meding tse di diegisang kgolô ya dimela. Dinoko tseno gape di ka baka gore dimela di swe. Kobelo, motshotelo le monontsha wa botswa-tsheding di tlhagisa ditshidi tse di iphepang ka nematodes.
Sejalo se se thunyang ka selemo sa African marigold se ka jalwa jaaka sejalo-khurumetsa ka ge se ntsha sere se se botlhole go di-nematode ka medi ya sona. Gape se ka kotulwa ka motsi wa thunyô mme se gaswe jaaka segamolwa.
Mofuta wa bacterium ya Streptomyces o iphepa ka boalô jwa sekwakwa jwa di-pathogen tsa mmu tse di jaaka di-nematode le phylloxera, mme ke seritibatsi se se kwadisitsweng go ka diriswa kgatlhanong le di-nematode.