Samango Monkey
Kgabo ya Samango

Leina

Kgabo ya Samango [Cercopithecus albogularis]

Tebego

Tse tonanyana di feta tse tshegadi ka mmele, bokete jwa tse tonanyana ke 7 go fitlha go 9kg fa jwa tse tshegadi ele 4 go fitlha go 5kg. Mogatla o feta mmele ka botelele bongwe mo borarong. Bobowa jwa tlhogo le jwa magetla bo bosetlha jo bo yang kwa bontshong.
Letlalo la sefatlhego, maoto, matsogo le dirwe tse di kwa tlase di dintsho. Mo dirweng tsa kwa godimo le mo matlhakoreng go thuntse go feta mo magetleng. Dimpa le kgokgotso di sweufetse. Karolo ya molomo le nko ya tse tonanyana e teletsana ka ntlha ya meno a maleele.

Phepo

Phepo ya Kgabo ya Samango e akaretsa maungo, dithunya, matlhare le ditshenyekegi. Kgabo ya Samango e tonanyana e ja maungo go feta ya tshegadi. Ga di batlana le dijo go lebega fa Dikgabo tsa Samango di simolola letsatsi ka go kgetla maungo, morago mo letsatsing ditope matlhare, mme di konosetse letsatsi ka go kopanya maungo le matlhare.

Tsadiso

Phologolo eno ya lotso lwa motho e tsadisa go ya ka setlha. Ditshegadi di belega mo tshimologong ya setlha se se bothito sa dipula. Ngwana a le mongwe o belegwa morago ga kimo ya matsatsi a le 140.
Bana ba pepiwa ke bo mmaabona dikgwedi di le pedi goya go di le tharo, mme ba kgwiswa morago ga dikgwedi di le robongwe. Tse tonanyana di gaisanela go bonwa ke tse tshegadi tse di emetseng go robalanwa. Mo mephatong ya Dikgabo tsa Samango, nako ya thobalano ga e nosi.

Maitshwaro

Botshelo jwa Dikgabo tsa Samango ke ba sethepu, ke gore ele nosi ya monna e e maatla e tshela le basadi ba yona le bana ba teng mmogo le tse dingwe tse di welang ka fa tlase ga yona. Mophato o dirwa ke ditshegadi tse di tsalanang, tse di sireletsang kgaolo ya tsona.

Tulo

E kgona go phela mo sekgweng se se loleya sa lekadiba, go akaretsa sekgwa sa motlhaba kwa bokone jwa KwaZulu-Natal, le fa e dula segolo kwa dikgweng tse di phelang di talafetse. Makgethonyana e tsena mo sekgweng se se ka fa tlase ga 50-100ha ka bonnye.

Di fitlhelwa kae

Ga di kalo ebile ga di a tlwaelega mo Afrika Borwa, di bonwa fela mo dikgweng tse di bapileng le lobopo lo lo mo bokone jwa St Lucia kwa KwaZulu-Natal, le kwa dikgweng tse di dithaba tsa Mpumalanga. Di ikadile gape mo tikologong e tshwanang kwa dinageng tsa boagisane.

Tshika e nngwe ya tsona e e ko borwa, e fitlhelwa mo dikgweng tse di dithaba tse di kwa lobopong lwa bogare le borwa jwa KwaZulu-Natal, go fetelela kwa Kapa Botlhaba go ya kwa bokone jwa sekgwa sa Knysna. Bontsi jwa tsona bo fitlhelwa kwa lobopong lo lo kwa bokone. Ditshika di le pedi tsa mo Afrika Borwa di farologana fela ka mmala.