Pula ke Eng?

© Leonie Joubert

Pula ke komotiso ya marothodi a metsi a bomolagare jo bo fetang 0.5 mm. Fa marothodi a le mannye, gantsi a bitswa mosarasarane.

Dielô tsa tshologo-pula di tlhaloswa jaaka pula e tshesane, e e magareng kgotsa e e maatla goya le gore ke pula e e kana kang e e tlileng go na mo sebakeng sa ura. Sekai, pula e tshesane – 2.5 mm, pula e e magareng – 2.8 goya go 7.6 mm le pula e e maatla – go feta 7.6 mm ka ura.

Goya ka Tirelo ya Bosa ya Afrika Borwa, 1 mm ya tshologo-pula e lekana le 1 litre ya metsi mo kgaolong ya 1 m x 1 m e e senang kelelo, tsenelelo kgotsa mowafalo.

Go Bopega ga Pula

Pula e tlhagiswa ke maru. Maru a bopega fa mowa o o bometsi o tlhatlhoga. Mowa o o bometsi o a atologa, ka ntlha ya dikgatelelô-mowa tse di kwa tlase tse di leng kwa godimo mo lefaufaung, mme morago o rurufale. Mowa o o rurufetseng o tlopelega ka mowametsi mme seno ke ge phokafalo e direga. Phokafalo ke fa marothodi a metsi a bopega mo boalông jo bo tsididi kgotsa go dikologa karolwana ya metsi. Jaaka phokafalo e tswelela, marothodi ano a gola go fitlha go nna bokete gore mowa o tswelele go tlhatlhoga mme a wele fatshe.

Maru

©Aircraft Owners and Pilots Association (AOPA)

Goya ka sebopego sa ona, maru a tlhaotswe ka ditlhopha di le pedi:

Maru a stratiform a tshwana le kobo mme a apesa dikarolo tse kgolo. Maru a stratiform a bopega fa mealô ya mowa e pateletswa go tlhatlhoga ka iketlo go okama kgaolo e kgolo, gantsi a bopa mealô. Fa moalô o o kwa godimo o le bometsi mme tlhatlhogo e tswelela, maru a stratiform a ka tlisa pula e ntsi kgotsa segagane.

Maru a cumuliform, a a selebego se se kgolokwe kgotsa se okareng kgwere, gantsi a bopegela goya godimo. Motsamao ono wa goya godimo o baka maru a a kitlaneng, a matelele a cumulonimbus a a lereng matlakadibe.

Karologanyo ya Pula

©Bernard Dupont

Pula e tlhaolwa goya ka tsela e e bopegang ka yona.

Pula ya tshekelelo
Pula ya tshekelelo e bopega fa mowa o o bometsi o o bothitho o tlhatlhoga gotswa mo boalông jwa lefatshe. Maru a cumulonimbus kgotsa cumulus a bopega mme pula e tshologe mo sebopegong sa matlakadibe a a mo felong go le gongwe.

Matlakadibe a golaganngwa le diphefo tse di maatla tse di tsubutlang le pula e e maatla mme nako dingwe le sefako. Mo dikgaolong tsa sekaka, marothodi a metsi gotswa mo matlakadibeng a ka mowafala pele a fitlha fa fatshe. Dipula tse di jalo di na gape le ka selemo kwa dikgaolong tsa sub-tropical kwa gonang le tlhakano ya bometsi mo moweng le mogote.

Pula ya Orographic
Pula ya orographic e bopega fa diphefo tse di bometsi di kgarameletswa godimo le letlhakore la thaba. Maru a nimbostratus a bopega mme pula e nele mo letlhakoreng le thaba le le lebaganeng le phefo. Tshologo ya pula e kwa tlase mo letlhakoreng la thaba le le iphitlhetseng phefo. Karolo eno e tlhaolwa jaaka e e leng mo ‘moriting wa pula’.

Little Karoo, gautshwane le Oudtshoorn, ke sekai se se feteletseng sa moriti wa pula mo Afrika Borwa. Tshologo-pula mo letlhakoreng le le lebaganeng le phefo, la lobopo, la Dithaba tsa Outeniqua e ka nna go feta 1 000 mm ka ngwaga, fela mo bogolong jwa Little Karoo, mo letlhakoreng le le iphitlhetseng phefo la thaba, e kwa tlase ga 200 mm. 

Pula ya kwa pele kgotsa e e sefefô
Pula ya kwa pele kgotsa e e sefefô e bakwa ke dithulaganyo tsa kgatelelô-mowa e e kwa tlase tse di dikaganyeditseng difefô. Seno se diragala fa boima jwa mowa o o bothitho bo kopana le mowa o o maruru mme sefefô se bopege, eleng thulaganyo e e nang le kgatelelô-mowa e e kwa tlase mo bogareng le kgatelelô-mowa e e kwa godimo go e dikaganyetsa.

Mowa o o bothitho o pateletswa go tlhatlhogela kwa godimo ga mowa o o tsiditsana o o bokete. Mowa o o tlhatlhogang mo bogareng o a rurufala mme o bope maru a nimbostratus, mme seno se ise kwa puleng e e maatla thata mo kgaolong eo.

Translated by Nchema Rapoo