Potata ya Mateng a Mmala

© Louise Brodie

Twantsho ya Tlhaelo ya Vitamin A

Tlhaelô ya Vitamin A (VAD) ke bothata jwa boitekanelo jwa setšhaba mo Afrika Borwa. Dipatlisiso tsa sešweng di supa fa 43.6% ya bana ba ba dingwaga tse 1-5 le 27% ya bomme ba ba mo dingwageng tsa go tsala, ba tshwerwe ke VAD.
Vitamin A e botlhokwa mo ponong ya matlho le mo masoleng a mmele (go lwantsha megare). Tlhaelô ya Vitamin D ke ka ntlha ya go sa je dijo tse di humileng ka Vitamin A.
Go ja merogo e e humileng ka Vitamin A jaaka potata ya mateng a mmala wa namune, ke leanô la nako e telele le le rekisiwang ke lefapha la Agricultural Research Council (ARC) go fokotsa tlhaelô ya Vitamin A mo mmeleng. Potata ya mateng a mmala wa namune ke sejô se se botlhokwa mo phepông ya kwa dikolong.

Potata ya Mateng a Mmala - Namune Jaaka Sejalo dikotla Bonolo Jalwa

Potata ke motswedi o o siamenng thata wa maatla, fa e na gape le bontsi jo bo bonalang jwa Vitamin C mme gape e fana ka di-vitamin tsa B le dimenerale di etsa magnesium, zinc le iron mo phepông ya motho. E fana ka bontsi jwa provitamin A ka sebopegô sa beta-carotene. Bontsi jwa beta-carotene bo a somarelwa fa go bedisiwa mme bokgoni jwa go kaonafatsa jwa potata ya mateng a mmala wa namune jwa go kaonafatsa Vitamin A bo tlhotlhomisitswe ke ba South African Medical Research Council. Sejalô senô se dirisitswe thata mo tsereganyong ya provitamin A kwa Mozambique le Uganda ka katlego e kgolo.
Lefapha la ARC le dirile dikamofuta tsa potata ya mateng a mmala wa namune tse di nang le tatso e e kgatlhisang, thôbô e e kwa godimo le kutlotshwaro e e omeletseng tse di nang le beta-carotene e ntsi. Mofuta wa BOPHELO o na le 7700µg/100g ya modi o o bedisitsweng (kgotsa 640 µg/100g) retinol activity equivalents (RAE). 100g ya potata ya mateng a mmala wa namune e e bidisitsweng e fana ka tlhokegô ya phepô ya ditlhopha tsa dingwaga di le dintsi.

Mekgwa ya Ntshô-Tlhagiso

Sejalô se tshaba segagane, mme seno se ama setlha sa jalô:
Lefelo
Segagane se se nnye
Segagane se se ntsi
Le le senang segagane
Pula tsa mariga
Dikgwedi tsa Jalô
Bogare jwa Diphalane go fitlha Sedimonthole
Bogare jwa Ngwanatsele go fitlha tshimologong ya Sedimonthole
Phatwe go fitlha Mopitlwe
Ngwanatsele go fitlha Sedimonthole
Balemi ba ka dirisa mokgwa wa go patagana jalô go oketsa go nna teng ga yona mo ngwageng ka go jala kgwedi nngwe le nngwe go simolola ka Diphalane go fitlha ka Ferikgong gore ba kgone go kotula go simolola ka Tlhakole go fitlha Phatwe ya ngwaga o o latelang. Dipotata di fitlhelelwa ka mokgwa wa go jala dikalana; tsa boleele jwa 20-30cm, di jadilwe ka dinoko tse 3-4 ka fa tlase ga mmu. Kgaogano magareng ga mela e ka nna 0,75 – 1m ka kgaogano magareng ya dijalo mo moleng ya 25-30cm.
Jalô mo mebotong e a rotloetswa ka fa e tla oketsa thôbô mme go nne le tshenyego e e kwa tlase ya dipotata ka nako ya kotulô. Kotula potata morago ga dikgwedi tse 4½ (dikgaolo tse di bothithô) go ya go dikgwedi tse 5 (dikgaole tse di itekanyetseng) morago ga jalo. Dikungô tse di farologaneng di ka dirwa jaaka ditšhipisi, senômatute, magwinya a sukiri.

Go nna Teng ga Dijadi

Dijadi di bonwa go tswa kwa mokgatlong wa bajadi wa Sweet Potato Vine Growers Association (SPVGA) ka dikgetse (theko ka bontsi) kgotsa ka dingatana (theko e nnye). Lefapha la ARC le fa bajadi ba morara dijadi tse di fetileng diteko tsa malwetse, mme ba netefatsa fa botlhogisetso bo tlhokomelwa sentle mo taolong ya malwetse le disenyi gore go ntshiwe dijadi tsa boleng jo bo kwa godimo, mme di itekanetse go ka dirisetswa ntshô-tlhagiso.
Bajadi ba tlamiwa gore ba tsamaye ka melao e e rileng ya ntshô-tlhagiso. Mafelo a botlhogisetso a sekasekiwa le go tshwaiwa ke batlhokomedi-semmuso ba lefapha la ARC pele go ka ntshiwa dijadi. Bontsi jwa dijadi tsa balemi ba ARC di ka bonwa go simolola ka Phatwe go fitlha ka Moranang.

Translated by Nchema Rapoo